Ba dikgolegelo ba ikuetse mo morafeng
19 Feb 2018
Morafe wa Shakwe o kopilwe go nna le seabe mo go ageng magolegwa sesha.
Kopo eo e dirilwe ke mookamela kgolegelo ya Mahalapye, Senior Superintendent Shakani Thani mo phuthegong ya kgotla ka Labone.
A re ba ba tswang dikgolegelong ba feditse go sekela melato ya bone le go agwa sesha gore ba nne le mosola mo setshabeng.
Rre Thani a re maikaelelo a go baya badira molato mo kgolegelong ke tsela nngwe ya go atlhola.
Rre Thani a re le fa gone badira molato ba nna mo dikgolegelong e le katlholo ba tswelela ba fiwa dithuto le tshidilo maikutlo ka maikaelelo a go retolola ditlhaloganyo tsa bone gore ba kgaogane le ditiro tsa borukutlhi.
O supile gore ka nako eo, badiri ba dikgolegelo ba dira ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se dirile gore mongwe a inaakanye le borukutlhi gore ba kgone go fiwa thuso e e lebaganyeng.
A re go sidila maikutlo le dithuto di dirisiwa go suga ditlhaloganyo tsa badira molato gore ba fetoge ba kgone go amogelesega mo setshabeng.
Le fa go ntse jalo, Rre Thani a re o tshwenngwa ke gore badira molato ba pele ba tswelela ba kgethololwa ke setshaba, selo se se dirang gore ba ipone ba sa amogelesege, ka jalo bangwe ba bone ba felele ba dira melato gape ba bona e le yone tsela e e ka ba thusang go tswa mo tikologong e e sa ba amogeleng.
Rre Thani a re badira molato fa ba le kwa dikgolegelong ba fiwa sebaka sa go tsweledisa dithuto tsa bone, a tlatsa ka go re bangwe ba bone ba dira dithuto tsa tiro ya diatla jaaka go betla, temo ya merogo le go bopa ditena.
O tsweletse a supa gore le fa modira molato a atlholetswe kgolegelong o kgona go fiwa sebaka sa gore bontlha bongwe jwa katlholo e nne go direla setshaba, ka jalo motho wa go nna jalo o ntshiwa mo kgolegelong mme a tswelele a dira tiro e a e filweng mo diofising tsa puso.
Le fa go ntse jalo, Rre Thani a re ba ba filweng sebaka sa go fetsa katlholo ba direla setshaba le bone ba na le kgwetlho ya go tlhoka go amogelwa ke setshaba.
“Bagatesho batho ba ke bana ba lona, go nna kwa kgolegelong ke ga nakwana ka gore fa ba wetsa dikatlholo tsa bone ba boela mo setshabeng.
Ka jalo a re ithuteng go tshela le bone re ba amogele.”
Rre Thani a re go a tshwenya ka gore ba nna ba lebilwe ka leitlho la kilo le pelaelo ya gore ga ba ise ba fetoge, ka jalo sepe se se senyegang mo lwapeng go lejwa bone pele.
A re ba bone ba palelwa le ke go kgalema bana mo malwapeng ka gore fela jaaka a tsholetsa lentswe e nna gore o batla go simolola mekgwa ya gagwe e e duleng mo tseleng.
O supile gore morafe ke karolo e e botlhokwa mo go ageng magolegwa sesha.
Rre Thami o ne a tlhalosa gore ba ba fetsang dikatlholo tsa bone lenaneo la go ba aga sesha le ise le wele ba tswelela ba thusiwa ke makalana a mangwe a puso jaaka ba boipelego gore ba kgone go tswelela le botshelo ba sa amane le borukutlhi.
Le fa gone a sa dumela thata mo Setswaneng se se reng phokoje ga a ke a latlha moseselo, Rre Thani ga a latole gotlhelele gore bangwe ba tshwakgotswe ke mekgwa e e duleng mo tseleng.
O gatelela botlhokwa jwa go amogela ba ba tswang dikgolegleong gore ba phuthologe ba lemoga gore ke nnete ba seketse melato ya bone.
A re ba tswa kgolegelong ba na le dikitso, ka jalo go botlhokwa gore ba thapiwe gore ba kgone go dirisa kitso ya bone go itshetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : SHAKWE
Event : phuthegong ya kgotla
Date : 19 Feb 2018






