Breaking News

Dikakana ga di alafesege

18 Feb 2018

Bolwetse jwa dikakana ke bolwetse jwa tlhakanelo dikobo jo bo bakwang ke mogare wa HPV.

E rile a ruta batsena dipuisano e e neng e rulagantswe ke ba lephata la temo-thuo, mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo, Rre Kgotla Magoutswane a supa fa bolwetse jo bo tshelanwa ka tlhakanelo dikobo, a bo a tlhalosa gape fa bo sa alafesege mme bo kgona go laolesega.

O tlhalositse fa bolwetse jo bo nna mo mading a motho, mme bo kgona go nna sebaka sa kgwedi go ya kwa go tse di masome mabedi bo sa itshupe, a supa fa dikakana tse di tswa mo bonneng kana mo bosading mme di kgona go babababa.

Rre Magoutswane o boletse fa dikakana di kgona go nyelela mme mogare wa tsone o sale mo mading, se se raya gore di kgona go tswa gape.

O tlhalositse fa dikakana di kgona go fetisediwa kwa leseeng ka nako ya pelegi fa di sa alafiwe kana di baka kankere ya molomo wa popelo.

Rre Magoutswane o boletse fa dikakana tse di alafiwa ka go tshubiwa le go dirisa melemo mangwe e e dirang gore di foforege.

Mo go tse dingwe,  Rre Magoutswane o ne a tlhalosa fa go na le metsi a a tlwaelesegileng a a tswang mo bosading fa mme a tsamaela go tsena mo setswalong le fa a fetsa, ka nako ya tlhakanelo dikobo le fa mme a imile kana a amusa.

 O tlhalositse fa metsi a a sena monko ope, a bo a supa fa go na le a mangwe a a sa tlwaelesegang a a tswang ka bontsi a le mmala o mosetlha, o morokwa kana a le matala a na le monko o o kareng tlhapi, a kopa bomme gore fa ba bona dikai tsa go nna jalo, ba fefogele kwa bookelong go kopa thuso.

O tlhalositse fa metsi a a bakwa ke go itsenya melemo ya setso ka fa bosading, go tsenya monwana mo bosading fa mme a tlhapa, go tlhapa ka melora kana go sa itshutlha sentle fa mme a sena go tlhaphologa.

O boletse fa ka dinako tse dingwe metsi a a bakwa ke malwetse a sukiri, mogare wa HIV le bolwetse jwa kankere.

O kopile bomme gore fa ba sena go tlhapa, ba tsee metsi a a tswang mo pompong a sa tsenngwa sepe, mme ba a dirise go tlhapa bosadi, a bo a ba kopa gape gore ba seka ba tsenya menwana ka fa bosading.

Rre Magoutswane o supile gore fa baratani ba ka ikalafela malwetse jwa tlhakanelo dikobo mmogo a ka kgona go fela, mme fa go ikalafa a le mongwe ba tlaa nna ba bina pina e e sa feleng. BOPA 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : thuto puisano

Date : 18 Feb 2018