Neelano mo loratong konokono
18 Feb 2018
Kgosi Mark Thipe wa kgotla ya Distance mo Selebi Phikwe o kopile baratani go nna le neelano le kutlwisisano.
Kgosi Thipe o ne a bua jalo fa a ne a amogela baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe le bakapelo ba ba neng ba tsene moletlo wa go ipelela letsatsi la baratani mo Selebi Phikwe.
Kgosi Thipe o ne a supa fa setshaba se sa tshwanela go itebatsa masula a dipolao tse di neng tsa diragala 2017 a ya bokhutlong mme go supa fa seo se ntse se tsweletse.
Kgosi Thipe o ne a supa fa ba tshwentswe ke dipola tse go tweng ke tsa baratani tse di diragalang mo Selebi Phikwe mme a kopa bagogi ba toropo go ema ka dinao go thusana le magosi ka ba ka seke ba kgone ba le nosi.
Kgosi Thipe o ne a kopa bakapelo ba ba neng ba tsene bokopano joo go fetola maitshwaro a bone go itsa dikgogakgogano tse di felelang di baka gore motho a fedise botshelo jwa yo o tshelang nae.
Kgosi Thipe o ne a supa fa lorato lo tlhoka therisano, tlotlo, kutlwisisano le neelano, a re seo ke sone se se ka fedisang dikgotlhang tse o fitlhelang di le teng mo malwapeng. Kgosi Thipe o ne gape a supa gore bana ke batho ba ba kelo tlhoko, ka jalo batsadi ga ba a tshwanela go nna ba lwa, kana ba kgobana ka mafoko fa pele ga bone ka seo se ka dira gore ditlhaloganyo tsa bone di kgotlelesege mme ba tsoge ba kgokgontsha ba ba tshelang nabo.
Kgosi Thipe a re batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo matshelong a bana ka dinako tsotlhe ka se se ka ba bopa go nna borre le bomme ba ba nang le boikarabelo.
E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, Rre Shatiso Daki yo e leng molomaganyi wa tsa merero ya mogare wa HIV/AIDS mo Selebi Phikwe, a supa fa se e le go rotloetsa bakapelo go itlhatlhoba mmogo ka nako e le nngwe gore ba kgone go amogelana.
Rre Daki a re se se dira gore fa mokapelo yo mongwe a tshwerwe ka mogare mmati wa gagwe a kgone go mo ema nokeng ka dikgakololo go tlhomamisa gore o tsaya ditaelo tsa bongaka ka fa go tshwanetseng.
Rre Daki a re e le ba botsogo ba rotloetsa bakapelo ba ba tshwerweng ka mogare go iphapha mo go nneng le bakapelo ba le bantsi go itsa kanamo ya mogare. Ba ba senang mogare le bone ba tshwanetse go itlhokomela go itsa go tsenwa ke mogare.
Kwa bofelong Rre Mompati Masilo yo o setseng a na le dingwaga di le masome a mararo a ntse a le mo nyalong o ne a supa fa lorato lo tlhoka boitshoko le bopelotelele ka motho mongwe le mongwe a na le dikakanyo le dikeletso tsa gagwe.
Rre Masilo o ne a rotloetsa bakapelo go ikaega ka Modimo gore manyalo kana lorato lwa bone lo tshwaragane go ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : letsatsi la baratani
Date : 18 Feb 2018






