Osowe o itirela ka mabogo
18 Feb 2018
E re le fa bangwe ba santse ba dumela mo go thapiweng, seo ga se se Mme Segametsi Osowe a dumelang mo go sone.
Mme yo, wa kgotla ya Makolojane kwa Serowe, o tshela ka mafoko a a reng mphampha o a lapisa motho a kgonwa ke se sa gagwe.
E re le fa a sa ya kgakala mo thutong ka a ne a seka a dira sentle mo lokwalong lwa mophato wa bobedi ka 1993, Mme Osowe o ne a seka a iteba dinala, a tshwaratshwara go itshetsa.
O ne a tshwara thata mo go ba ba rokang ka e le nngwe ya ditiro tse e reng kgarejwane e tlhalefa e di itse kana a di rutwe mo lwapeng.
Fa a ntse a tsweletse e le mothusi mo madirelong a ba bangwe, a anywa go le gontsi mme seo sa mmula matlho a nna le keletso ya go ka nna le kgwebo ya gagwe.
“Botshelo jwa me bo ne jwa simolola go fetoga ka jaanong ke ne ke simolotse go tshola bana, ga raya gore madi a ke a amogelang ga a lekane,” a tlhalosa mo potsolotsong le BOPA.
Mme Osowe o ne a se ka a tlogela kwa a neng a direla teng, a tshwarelela go fitlha ka 2015 fa a ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Mme yo, wa bana ba bane, a re ka lenaneo le, o ne a fiwa matlapa a a rokang a le mabedi, ditilo tse pedi, kgatiso le se go gatisediwang mo go sone, generator le P3 000 wa matsela.
“Mo go yo mongwe e ka tswa e se sepe, mme nna ka re botshelo jwa me bo ne jwa tokafala.
Fa e sale ke nna le dilwana tse, ka tswa gotlhelele mo go berekeleng le go leta kgwedi go fela.”
Mme Osowe yo o direlang kwa lwapeng, a re mo bogompienong o rokela sekole se sebotlana sa Malatswae paka ya sekole le ope fela yo o kgatlhegelang diatla tsa gagwe gammogo le ba manyalo.
A re tiro ya go roka e na le botshelo ka le fa motho a sena tiro e a e tshwereng ga a ka ke a tlhoka morotloetsi wa ntshwarisetsa foo.
Mme Osowe a re kgwebo e tsamaya sentle mo a dumelang gore fa a ka bona lefelo kwa mmaketeng o ka dira go gaisa ka a tlaa bo a le mo matlhong a batho.
O kaile fa go se motlhofo go bona lefelo ka bontsi bo santse ba letile. “Kana fa o bona ke sweleletse go bona kwa mmaketeng, tota ke okwa ke ditlhwatlhwa tsa teng, di botoka go na le mafelo a beng.
E seng jalo ke ka felela ke berekela rente,” a tlhalosa.
A re mo bogompienong o kgona go dira madi a a lekanang le a a neng a a filwe.
“Fa e ne e se ka lenaneo le, ke ka bo ke santse ke setse batho morago.”
A re toro ya gagwe ke go atolosa kgwebo le go thapa Batswana ba bangwe gammogo le go rutuntsha ba ba nang le kgatlhego mo tirong ya gagwe.
Mme Osowe wa dingwaga tse 38 a re o lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le mmaraka.
Tumelo ya gagwe ke gore mananeo a khansele a tsatsi la kgwebo le la LEA ke nngwe ya ditsela tse di ka ba thusang go bona barotloetsi le gore ba itsiwe ke setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Osowe o itirela ka mabogo
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 18 Feb 2018






