Breaking News

Kgosi o lebogela motlakase

18 Feb 2018

Labotlhano e tlaa nna letsatsi le banni ba Dovedale ba tlaa le gakologelwang go ya go ile ka jaanong dikeletso tsa bone di diragetse mme jaanong ba tlaa dirisa tsotlhe tsa maranyane le tsa sesha.

Mo matshelong a segompieno, ditlhabololo di akaretsa tiriso ya maranyane le sekonotere ka se le botlhokwa mo go fefose mesepele.

Tiro ya go tshuba motlakase kwa Dovedale e simolodisitswe ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama mme ya re pele ga a tshuba motlakase go tsisa lesedi le le neng la amogelwa ke morafe ka boitumelo, a supa fa go gola ga itsholelo, go oketsega ka dipalo tsa batho ba ba batlang go gokelelwa motlakase le koketsego ya tiriso ya motlakase ka kakaretso di dira gore puso e imelwe ke jokwe mo maikaelelong a go tokafatsa kanamiso ya motlakase.

Tautona Khama a re tiriso ya maranyane a segompieno a a seng borai mo tikologong e ka thusa go lwantsha seemo se.

O supile fa tiriso ya marang a letsatsi mo phetlhong ya motlakase e ka thusa go fokotsa tlhaelo ya motlakase le gore e babalesegile ka e sa kgotlhele tikologo.

Tautona Khama o gateletse botlhokwa jwa motlakase mo go tlhabololeng matshelo a batho mme a re phatlalatso ya motlakase ke nngwe ya ditlhabololo tse di tlaaa tlhongwang kwa pele. 

A re puso e tlaa thusa koporase ya Botswana Power Corporation gore e tswelele ka tiro ya go phatshimisa Botswana.

Tautona Khama o tlhalositse gore tiro ya go gokela motlakase kwa Dovedale e dirilwe ka madi a a ntshitsweng ka fa tlase ga lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).

A re tiro ya go gokela motlakase ka lenaneo la ESP e solofetswe go wela Mopitlwe a ya fifing le gore e tlaa akaretsa metse e e leng la ntlha go gokelwa motlakase e le 15 go balelwa Dovedale le go katolosa phatlalatso ya motlakase mo metseng e le 45.

Tautona Khama a re go phatlalatsa motlakase go akaretsa diofisi tsa puso, dikole le matlo a bodiredi.

O rotloeditse morafe wa Dovedale go dirisa motlakase go tokafatsa matshelo a bone mme a gakolola ka borai jwa motlakase le go ba tlhomamisetsa gore ba babalesegile ka nako tsotlhe.

Tautona Khama o kopile banni gore ba seka ba ikamanya le bogodu jwa didirisiwa tsa motlakase, tshenyo epe fela kana go ikgokelela motlakase e se ka fa molaong.

Kgosi Ditodi Namane wa Dovedale o lebogetse tiro e mme a supa fa motse wa gagwe o ntse o saletse morago ka ditlhabololo e bile seemo seo se ne se kgoreletsa morafe go tokafatsa matshelo a bone ka fa ba eletsang ka teng.

“Re leboga thata e bile re itumela go menaganye.” 

Le fa a ne a supa fa motse o diegetswe ka ditlhabologo, Kgosi Namane a re o dumalana le Setswana fa se re ‘moja morago ke kgosi’ ka gore seo se dirile gore tiro ya bone e tlotlomadiwe ka go simolodisiwa ke Tautona Khama.

A re motse wa gagwe o bone kgalalelo, a supa gape fa tiro e nngwe e e tsweletseng e le go tshelwa ga sekonotere e ntse e le ka lenaneo la ESP mo tseleng e e fetang ka Dovedale e tswa Dibete e ya Machaneng.

Le fa gone go ntse go sena motlakase kwa Dovedale, Kgosi Namane a re o itumedisiwa ke maiteko a a dirwang kwa sekoleng se sebotlana ka se tsweletse ka go ntsha maduo a a nametsang mme motlakase o tlaa thusa thata mo go tlhabololeng thuto ya bana le go tokafatsa maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : DOVEDALE

Event : Loeto la ga Tautona

Date : 18 Feb 2018