Breaking News

Tshireletsego ya bana e botlhokwa

15 Feb 2018

Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Maluti Molatlhegi a re morafe o filwe boikarabelo jwa go tlhomamisa gore bana ba godisiwa mo tikologong e e sireletsegileng.

O buile jalo a bula semmuso dipuisanyo tsa komiti e e lebeletseng tshireletsego ya bana kwa Mahalapye ka Labobedi, a ba rotloetsa go netefatsa gore bana ba godisiwa sentle gore ba nne baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

Rre Molatlhegi a re bana ba mo diphatsheng ka gore tikologo e ba tshelelang mo go yone ga e a iketla, e na le dilabe tse di ka ba ntshang mo maikaelelong a bone a boammaruri.

Mogolwane wa lephata la boipelego mo Mahalapye, Rre Motelebane Motelebane a kopile komiti go tsibogela dikgang tse di amang bana gore ba bone tshireletso, ba fiwa lorato le tlhokomelo e ba e tlhokang.

“Are tlhodumele mo malwapeng gore bana ba ba tsheleng sentle.

Tsenang mo motseng le rute batho le supe bosula jwa go dirisa bana botlhaswa le ka tsietso.”

Rre Motelebane a re maikarabelo a maloko a komiti ke go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela bana. O ne a gatelela gore maloko a komiti a tshwanetse a tlhaloganya ka botlalo se ba romilweng go se dira gore ba kgone go ruta morafe ka boammaruri. Rre Motelebane a re tiro ya komiti ke go tlhotlhomisa le go itse bana ba ba tshelelang mo diphatseng.

O ne a tlhalosa gore boloko jwa komiti eo bo akaretsa kgosi le modiredi wa ofisi ya boipelego ba ba tsenang ka maemo a bone mme ba tladiwe ke mme, rre le kemedi ya bana bao e le ba ba itlhophelwang ke morafe.

Rre Motelebane a re ope yo o kileng a bonwa molato a kgokgontsha bana ka tsela epe fela kana a kile a fosetsa mongwe le fa mongwe a tlhomamisitswe ke ba bongaka gore ga a a itekanela sentle mo tlhaloganyong ga ba na tshwanelo ya go nna maloko a komiti e.

O supile fa go le botlhokwa gore maloko a tlhaloganye ka botlalo molao wa bana gore ba kgone go dira tiro ya bone ba tsepame ba sa fapoge mo tseleng.

Rre Motelebane a re maloko a komiti ba tshwanetse ba lemoga gore ba dira tiro ya bone ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya ofisi ya boipelego, ka jalo sepe se ba lemogang se dirwa se gataka tshwanela ya ngwana ya go fiwa tlhokomelo ba lome tsebe modiredi wa boipelego gore a tsee dikgato tse di ka fa molaong.

Rre Motelebane a re mo dithulaganyong dipe tsa botshelo tse di dirwang ke batsadi, ba tshwanetse ba eteletse pele kana ba rekegele ditshwanelo tsa bana pele ga ba tsaya ditshwetso. O kgothatsa batsadi gore ba dire tsotlhe tse di ka itumedisang botshelo jwa ngwana le go mo sireletsa mo dikgwetlhong tsotlhe tse a kopanang le tsone.

Mogolwane wa boipelego a re mabaka a a amanang le dikgang tsa tumelo, ngwao kana setso di tshwanetse tsa tsenngwa leitlho le gone go ela tlhoko maikutlo le dikeletso tsa bana pele ga batsadi ba konotelela kgang.

Dikgang tsa kgokgontsho, go dirisa bana ditiro tse di ba fetileng le go ba kgoba ka dipuo ba fiwa maina a letlhoo le tshotlo ke boikarabelo jwa maloko a komiti e go di tlhotlhomisa di ntshediwa mo mpaananeng gore badira-molato ba gagamadiwe diphogwana. Rre Motelebane o buile a sa kgale mathe a rotloetsa komiti e gore ba seka ba baya sebete dikgang tsa mofuta o.

Rre Motelebane a re ngwana ke karolo e e botlhokwa mo botshelong, ka jalo o tlhoka go dibelwa mo go tsotlhe tse di ka kgotlelang botshelo jwa gagwe, ka jalo ke boikarabelo jwa morafe ka kakaretso go tlhokomela bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : Dipuisanyo

Date : 15 Feb 2018