Breaking News

Ba rotloediwa go tsaya Omang

14 Feb 2018

Batswana ba rotloediwa go tsaya dikarata tsa Omang ba sena go di shafatsa go hema mosuke kwa diofising tsa Omang.

E rile mogolwane wa Omang mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Boikhutso Shawe a bua mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, a supa fa Motswana a letlelelwa go shafatsa Omang wa gagwe dikgwedi di le lesome le bongwe pele ga malatsi a tiriso a wela.

A re le fa go ntse jalo, bontsi jwa Batswana ba shafatsa boOmang mme ba tsee sebaka go tla go ba tsaya mme seo se bake mosuke kwa diofising tsa bone fa ba setse ba tla go ba tsaya.

Mme Shawe o ne a supa fa boOmang ba felela ba tlala kwa diosfising tsa bone ba sa tsewe.

 A re gape Batswana bangwe ba diega go tla go shafatsa Omang mme ba tle ka motsotso wa bofelo nako e setse e ile mme seo se na le seabe mo go bakeng mosuke.

 A re se sengwe se se bakang gore Batswana ba tle ka bontsi kwa diofising tsa bone ke gore bontsi jwa Batswana ba dirile Omang ka ngwaga wa 1988 mme ba tlaa bo ba shafatsa boOmang ba bone la boraro mo ngwageng ono.

Mogolwane wa Omang a re seo se raya gore diofisi tsa Omang lefatshe ka bophara ba ya go tswelela ba nna le dipalo tse dintsi tsa Batswana ba ba shafatsang boOmang go ya go fitlha ngwaga o o tlang.

A re gape e re ka jaana dintsho di diragala nako e ntsi ka mafelo a beke fa diofisi di tswetse, Batswana ba a bo ba tsile go kopa ditlankana tsa dintsho, bogolo jang mo  malatsing a Mosupologo le Labobedi ka go supagetse fa Batswana ba tla ka bontsi mo malatsing ao go kopa ditirelo tsa ofisi.

Mme Shawe o ne a tlatsa ka go re ba dirisana thata le lephata la thuto mme o fitlhela bana ba sekole ba tlhoka ditlankana tsa matsalo go ya metshamekong mme seo le sone se na le seabe mo go bakeng mosuke mo diofising.

A re gape bana ba mophato wa bone ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane morago ga maduo a lekwalo la boraro mme ba tlhokana le ditlankana tsa matsalo go ya sekoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 14 Feb 2018