Breaking News

Lekalana la LEA le aba pompo ya metsi

14 Feb 2018

Lephata le le tlhatlhelelang ka tsa tsamaiso ya kgwebo la LEA e ne ya re ka Labotlhano la segofatsa Mme Gakesenewe Keiletswe wa Letlhakeng ka go mo gokelela pompo ya metsi.

E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tumelo Puleng o ne a tlhalosa fa maiteko a LEA mo kgaolong ya bone e le tiro e ntle thata, mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo wa go  thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa LEA kwa Molepolole, Rre Lesedi Ngakane o tlhalositse fa ba ne ba itlama gore mmereki mongwe le mongwe mo lephateng la bone a ntshe seabe sa gagwe, e le tsela nngwe ya go supa lorato le mowa wa neelano.

O ne a tlhalosa fa ba kopantswe le Mme Keiletswe ke ba ofisi ya boipelego ya Letlhakeng.

Rre Ngakane o kaile fa ba ne ba tlhalosediwa gore e re ntswa batlhoki ba le bantsi mo kgaolong eo, seemo sa ga Mme Keiletswe sone se tlhokana le thuso ya potlako ka jaana a nna a le nosi e bile  a godile. 

Mme Wagomotsa Paledi, mmereki mo LEA o boletse fa e se maiteko a bone a ntlha e le ba LEA mo go thuseng Batswana mo kgaolong ya Kweneg ka jaana ba kile ba aba dilwana le go baakanya ntlo mo metseng e mengwe.

O tlhalositse fa go gokela pompo eo go lopile P3 500, mme a a neng a setse ba ne ba felela ba mo pentela ntlo le go e feleletsa ka thotloetso ya dikompone tsa Jamal Trading, Bulders World le tse dingwe.

E rile a tswa la gagwe, Mme Keiletswe o ne a bolela fa se a se diretsweng ke ba LEA e tlaa nna mpho ya sennela-ruri mo botshelong jwa gagwe.

O ne a kgothatsa lekalana leo go tswelela ka mowa o montle mme ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane jaaka ene. 

Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane o ne a kaya fa mpho eo e le khumo mo go Mme Keiletswe, a bolela fa khumo e se ya mantlontlo fela mme le yone mewa ya kutlwelobotlhoko e mo dikaganyetseng.

O ne a bolela fa Mme Keiletswe a segofaditswe thata mme seo se mo itumedisa thata e le moeteledipele wa kgaolo, e bile a na le tsholofelo ya gore lekalana leo le tlaa tswelela le thusa batho ba kgaolo ya gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Montshwari Batlhophi

Location : Letlhakeng

Event : kabo dimpho

Date : 14 Feb 2018