Morafe o lalediwa merapelo
14 Feb 2018
Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai o kopa morafe go tla merapelong ka letsatsi la Tshipi kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla.
E rile a bua mo potsolosong le BOPA ka Labobedi, Kgosi Sekai a tlhalosa fa dipolao le botlhokatsebe jwa bana bo tlhokana le go rapedisiwa gore Modimo a thuse motse wa bone le lefatshe la Botswana ka bophara.
A re ka jalo dikereke di tlaa tla go tshwara dithapelo mo mosong wa Tshipi mme morago ba boele kwa diphuthegong tsa bone ka go farologana go ya go tsweledisa kobamelo.
Kgosi Sekai a re merapelo eo e tlaa tshwarwa go simolola ka nako ya boferabobedi mo mosong go ema ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya boferabongwe.
Kgosi Sekai a re dipolao tse di tsalwa ke botlhokatsebe jwa bana ka gore ga go na ngwana ope yo o utlwang yo o ka gapelang yo mongwe botshelo.
A re o swaba nko go feta molomo ka dikgang tse ka gore bana ba tsweletse ka go bolaya ba bangwe bosetlhogo mme gantsi go dirwa jaana ke ba ba reng ba mo maratong.
Kgosi Sekai a re dikgang tsa mofuta o di tlhokana le batsadi le morafe ka kakaretso go tla ka ditharabololo tse di ka fedisang mathata a.
A re dintsho di tsere phekelo e sele mo motseng mme seo ga se mo jese diwelang ka tse dingwe di dirwa ka bomo go na le gore batho ba ka agisana.
O kopile banana go nna ditsala le batsadi ba bone mme a kopa le batsadi gore ba ele bana ba bone tlhoko nako le nako gore ba kgone go amogana mathata a ba nang le one go tila diemo tse di ngomolang pelo.
Kgosi Sekai o ne gape a kopa bana ba basimane go amogela go kgaogana le ba basetsana fa lorato le fedile e seng gore ba bo ba itseela molao mo diatleng.
A re ba tshwanetse ba lemoge gore ga se bone batho ba ntlha go ratana e bile ga se bone ba ntlha go kgaogana le bakapelo mme ba tshwanetse ba amogela fa go diragetse ka jaana seo e se phelelo ya botshelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2018






