Breaking News

Lenaneo le ka godisa dikgwebo

13 Feb 2018

Bagwebi ba dikgwebo tse di farologanyeng mo kgaolong ya  Kgalagadi Borwa ba filwe  ka maele a go godisa dikgwebo ka go rekisetsa mafatshe a sele.

Thuto e e ne e tshwerwe ke moeteledipele wa lekalana la Botswana Investment Trade Centre, Rre Orbert Yuyi   a tshwaraganye  le ba  lephata la papadi le madirelo,  lefatshe la USA le lekalana la AWEP.

Ba ne ba tsile go tla go abelana le bagwebi ba Kgalagadi  ka lenaneo la AGOA (African Growth and Opportunirty Act).

Rre Yuyi  tlhalositse fa lenaneo le la AGOA le simolotse ka ngwaga wa 2010 mme ya re ka ngwaga wa 2015 la okelediwa sebaka sa go fitlhela ka 2025 mme a gakolola gore bagwebi ba seka ba  itlhaganelela go rekisetsa mafatshe g ona le go rekisa mo gae.

Rre  Yuyi o rile bagwebi ba ka simolola fela ba dirisa lekalana la LEA  le le ka thusang bagwedi ka go tlhabolola le go godisa dikgwebo,  go ba thusa mo kadimong ya madi  le gone go  ba tlhatlhelela ka fa  ba ka simololang dikgwebo ka teng.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane go tswa mo Botswana Trade Portal, Rre Moabi Phia a tlhalosetsa bagwebi ka maranyane a ba ka  a dirisang  go reka kana go rekisetsa mafatshe a sele.

Rre Phia o  tlhalositse fa go tlhoka  kitso ga bagwebi ka maranyane  go dira gore ba feletse ba jewa ntsoma  ka go duela madi a ba sa tshwanelang go a duela mo dikgorong tsa melelwane kana mo gongwe ba felele ba busiwa mo  melelwaneng ka dithoto ka go tlhoka  go  sala molao morago.

O gwetlhile bagwebi ba Kgalagadi Borwa  gore ba  tlhoafalele go dirisa maranyane   le gone go  ba rotloetsa go etela  kwa madirelong a bone go ba thusa ka se e le tiro ya bone ya malatsi otlhe.

A re go a swabisa gore batho ba mafatshe a sele ba setse ba botsa ka lenaneo le  mme a supa fa bagwebi ba Tsabong ba santse ba saletse kwa morago.

E ne ya re a tlatsa, mogolwane go tswa kwa  Global Expo, Rre Thomas Molebatsi a supa fa bagwebi ba Batswana  ba ithontsha  go dirisa tshono ya go tsenelela bokopano jo jwa Global Expo   jwa bagwebi a re  se se dirwa ke go tlhoka kitso ga bagwebi ba  dikgaolo.

Rre  Molebatsi o  ne a  tlholosa fa ditshupo tse di  diretswe bagwebi ba Batswana e bile a supa mosola wa go di tsenelela, ka  di ka thusa gore ba ka ikopanya le bagwebi ba mafatshe a sele le gone go ipapatsa le go bapatsa dikgwebo tsa bone kwa ntle ga lefatshe leno.

Mongwe wa batsena thuto-puisano eo o ne a rotloetsa ba bangwe go tsena thata mo maranyaneng go ithuta thata ka lenaneo le gore ba simolotse go ipapatsa mo diromamoweng,dithelebishene, dipampiri tse di ikemetseng tsa dikgang le ya puso ya DailyNews. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Maduo Kgatleng

Location : Tsabong

Event : Thuto puisanyo

Date : 13 Feb 2018