Breaking News

Banana ba rotloediwa go busa madi a kadimo

13 Feb 2018

Mogokaganyi wa lephata la banana kwa Francistown Mme Minkie Bokole o kopile banana go busa madi a ba a adimilweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF).

Fa a bua kwa dipuisanyong tse di neng di itebagantse le ba ba noleng moro lenaneo le, Mme Bokole a re esale go simolodisiwa lenaneo ka 2009, le thusitse dikgwebo ka madi di le makgolo a mararo, masome a le matlhano le bone kwa Francistown.

O ne a tlhalosa fa mo dikgwebong tseo, tse tsotlhe di thusitsweng ka didikadike di le masome mararo le boraro a dipula, puso e kgonne go boelwa fela ke sephatlonyana sa bobedi mo lekgolong.

A re go saleng morago dikgwebo tseo, dipatlisiso tsa bone di supile fa dikgwebo tse di santseng di dira di le kwa tlase ga makgolo a mabedi.

Mme Bokole o rotloeditse banana go busa madi a ba a adimilweng ka seo se ka dira gore a kgone go thusa ba ba santseng ba emetse go thusiwa.

O kaile fa banana e le karolo e e botlhokwa ya lephata la banana, metshameko le ngwao, ka jalo ba ikemiseditse go thusa botlhe.

O ne a gakolola botlhe ba ba setseng ba bone thuso gore ba seka ba nna maoto a tshupa fa go tla nako ya go busa madi a ba a adimilweng.

O arologane le ba-tsaya karolo mo bokopanong joo gore nngwe ya mabaka a gore dikgwebo tsa bone di bo di sa dire sentle ke go tlhaela ga mebaraka le go tlhoka go itsenya mo bathong ba ba ka ba thusang mo kgolong ya dikgwebo tsa bone.

Ka jalo, o ba kopile go itsalanya le baji-bareki gore ba kgone go itse ka ditirelo le tse ba di dirang.

E re go ntse jalo, moemedi wa banana, Rre Bonno Ngaka yo o tumileng ka la bodiragatsi la DJ Colastraw, o rotloeditse banana go dirisa tsa maranyane go anamisa ditirelo tsa bone ka e bile tsa maranyane di bonwa ke baji-bareki lefatshe ka bophara.

A re tsa maranyane ke nngwe tsela ya ipapatso e e botlhokwa ka jaana matshwititshwiti a ka kbgona go bona se se bapadiwang.

Dj Colastraw o ne a gakolola banana go duela lekgetho ka jaana fa ba sa duele ka nako le a oketsega e re morago dikgwebo di phuthame.

Mongwe wa ba-tsaya karolo e bile a bone madi ka lenaneo la YDF, Rre Simisani Ramaotwana a re lengwe la mabaka a gore e bo banana ba sa kgone go busa madi ke go tlhoka kitso ka tsa madi, ka jalo a rotloetsa ba lephata la banana go ba rulaganyetsa dithuto-puisanyo.

A re go firisa dikago le gone ke poelo morago ka jaana ditlhwatlhwa di le kwa godimo.

Rre Bakani Phillimon ene o kopile gore banana ba fiwe dithuto tsa gore ba ka phunyeletsa jang mo mebarakeng.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Itekeng, Rre Lesego Kwambala o tlhalositse fa banana ka bontsi ba filwe sebaka mme ba palelwa ke go isa ditirelo kwa baji-bareking ka fa go tshwanetseng.

A re bangwe ba banana ba paledisitswe ke go tlhoka go fetola megopolo ya bone ka fa ba bonang dilo ka te3ng, ka jalo a ba rotloetsa go tokafatsa selo se.

Fa a wetsa, mokhanselara o ne a rotloetsa banana go bereka mmogo go godisa dikgwebo tsa bone le go thusana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Francistown

Event : Bokopano

Date : 13 Feb 2018