Breaking News

Ditagi le bojawa di ka baka bolwetse jwa tlhaloganyo

11 Feb 2018

Mooki  wa  balwetse  ba tlhaloganyo gape a  sidila maikutlo kwa kokelong ya Sbrana mo Lobatse Mme  Bontshetse  Demmah, a re ditagi le bojalwa ke dingwe dilo tse di kwa godimo mo go bakeng  bolwetse jwa tlhaloganyo.

Mme Demmah  o buile jalo ka Labotlhano jaaka ba  lephata la bosekisi mo Lobatse ba ne ba tshwere thutuntsho go tsibosa baithuti  ba sekole  se segolwane  sa Lobatse secondary (Lobsec) ka  borai le bodiphatsa  jwa tiriso  ya nnotagi, a re di  senya botshelo  jwa motho.

O ne a tlatsa ka go re  ga go na  kalafi e e itebagantseng le motho yo o lwalang tlhaloganyo, mme go dirisiwa diritibatsi  go lebeletswe gore molwetse o mo seemong sefe.

A re ditagi di ka dira gore motho a nne  le maikutlo a a sa iketlang, ka gore di rekwa ka madi a mantsi, mme kwa bofelong motho wa teng o ka felela a utswa  madi  a batsadi, kana a rekisa dithoto tsa bone gore a bone madi a go reka ditagi tseo.

Mme   Demmah   a   re   le fa go ntse jalo motho fa a tlogela ditagi tseo le dino go nna le ditlamorago jaaka go roroma.

Rre  Dikago  go tswa mo lephateng la bosekisi  a   re  ba dirile thutuntsho e ka maikaelelo a go itsese baithuti ka ditirelo tsa lephata leo le go  ba tsibosa ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le malwetse a selegae.

O ne a tlatsa  ka go re ba  itemogela malwetse a selegae, jaaka go bolawa ga batho le kgokgontsho  ya  mo  malwapeng.

Mo go tse dingwe, Rre   Dikago o  boletse gore ba batla go rotloetsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go baakanyetsa  matshelo a bone mo isagong, a tlatsa ka go re baithuti ba rata go lekeletsa.

O tsweletse a bolela gore ngwaga o ke ngwaga  o o botlhokwa thata mo baithuting  ba mophato wa botlhano,  ka gore o tlaa tlhalosa gore mang o ya kae morago ga sekole.

Mme   Omphemetse   Mmolai go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao o boleletse baithuti bao gore ba mo letsholong la go tla ka tharabololo ya malwetse a selegae  le  tiriso ditagi tse di apesitseng Lobatse kobo ka letshoba, a kopa baithuti gore ba thuse gore go ka dirwa jang go emisa dilo tse.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou,  Rre Themba  Setimela  o gakolotse baithuti gore ba itshware sentle ba tsee dithuto tse tsa go tsibosiwa kgatlhanong  le ditiro tse di maswe  ka tlhoafalo a ba kopa gore go seka ga nna le seemo se ba se boneng mo ngwageng  o o fetileng, baithuti ba kwala ditlhatlhobo  batsadi ba ba emetse e le ka lebaka la botlhokatsebe.

Mokhanselara   Setimela   o   gwetlhile   baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo le gone go fetola tebego ya Lobsec.

Thutuntsho eo e ne e dirwa ke maphata a puso a a farologanyeng go akaretsa ba sesole, sepodisi, baoki ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Thutuntsho

Date : 11 Feb 2018