Breaking News

Sekole sa Ditsweletse se hekeediwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa baithuti - mogokgo

11 Feb 2018

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Ditsweletse JSS mo Letlhakane, Rre Nkarabang Nkarabang  a re ba itemogela dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba lekwalo la ntlha ba ngwaga ono.

Mogokgo o buile jalo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana  e e neng e tshwerwe kwa sekoleng seo ka bosheng.

Rre Nkarabang a re ba ntse ba nna le palo ya  makgolo a a supang  mo dingwageng tse di fetileng, a tlhalosa gore gompieno ba na le bana ba le  makgolo a fera bongwe le masome a mararo le bongwe.

O tlhalosa gore sekole sa gagwe ke sa matlwana a borutelo a le lesome le boferabobedi  a kgaogantswe ka mephato e meraro.

Rre Nkarabang a re seemo se se ne sa dira gore ba nne le bana ba le masome a marataro le bongwe mo ntlong ya borutelo, a tlatsa ka go re ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba oketse matlo a borutelo a mophato wa ntlha go nna boferabongwe.

A re matlwana a mararo a ba okeditseng ka one a ntse ga a a lekana mme ga gona kwa ba  rutelang teng ba dirisa ntlo lehalaha le matlo a maranyane go rutela mo go one.

Mogokgo a re koketsego e ya bana e ba beile ka fa mosing ka jaana ba ntse ba na le tlhaelo ya didirisiwa tse a reng ga di a oketsega.

Rre Nkarabang a re ba tlhaelelwa ke ditilo di le makgolo mane, ditafole di le makgolo a matlhano le masome mararo le bongwe, a tlhalosa gape gore ga ba na madi a didirisiwa tsa thuto.

A re gape ga go na dibuka tse  di kwalelang, a tlhalosa gore bana ba ba nang le tsone ke ba ba reketsweng ke batsadi, a tlatsa ka go re le tse di balwang  di tlhaelela kgakala.

O tlhalositse gape gore ba  tlhaelelwa ke barutabana ba le lesome le boraro, a supa fa go setse go tsile ba le babedi fela mo palong e, a tlatsa ka go re bana ba saletse morago mo dithutong.

Mogokgo o boletse fa gape ba tlhaelelwa ke baapei ka ntlha ya koketsego e ya bana.

Rre Nkarabang  a re matshwenyego a mangwe a bone a matona ke a motlakase o o kwa tlase o o sa tshubeng  kwa matlong mangwe go akaretsa  a maranyane le kwa ntlong ya boapeelo.

 E rile a itebaganya le maduo a mophato wa boraro a ngwaga o o fetileng a re ba dirile 42 mo lekgolong mo matshwaong a ABC  le 70 mo lekgolong mo go a ABCD  ka di A di le 3,B 29,C 70,D 76,E 37,U 27 le X a le mongwe fela mo ditlhatlhobong.

O ne a kopa batsadi gore ba leke ka gotlhe mo ba nang le gone gore ba rekele bana dibuka ka gore seemo se sa dibuka se kgoreletsa  dithuto.

Mongwe wa batsadi, Rre Setlalepula Sentsho  a re kgang ya go duela sekole e setse e gorogile ka  gore puso e tlhaelelwa ke madi, ka jalo a kopa batsadi ka ene gore ba rekise sepe fela se ba nang le sone gore ba rekele bana dibuka ba bo ba  duele  sekole.

A re dikgang tse tsa tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto di raya batsadi  e seng barutabana,  a tlatsa ka go re batsadi  ba ka thusa ba ba tlhokileng lesego.

Mme Gaone Bashapi a re dikgang tse di ama botsalano fa gare ga batsadi le barutabana, ka jalo a rotloetsa batsadi gore ba etele sekole gore ba tle ba bone seemo sa sekole.

Mme Bashapi a re kgang ya puso ya ga gona madi ga se selo se se felang, ka jalo a re batsadi ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo ka thuto ya bana ba bone.

E rile a araba batsadi a supa gore puso e sale e ikuetse gore e thusiwe ya ntsha lenaneo la Adopt-a-School.

Rre Nkarabang a re  le ntswa  kgang ya motlakase e tswa kgakala kwa ngwageng wa 2014, ba solofeditswe katoloso ya one mo ngwageng ono wa madi, fa  matlo a borutelo a le marataro, ntlo ya boapeelo le ya maranyane tsone ba di solofeditswe  ka  lenaneo la go rudisa itsholelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 11 Feb 2018