Maduo a bosupa ga a jese diwelang
11 Feb 2018
Banni ba Sesung mo kgaolong ya Borwa ba ikuetse ka maduo a lokwalo lwa bosupa a ba supileng fa a ba kokonela.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Abram Kesupile bosheng.
E rile a akgela mo phuthegong eo, Mme Boineelo Tshwaranang a re bana ba ba neng ba kwala ditlhatlhobo tseo ba fetile ka lekwalo la bone, la botlhano le la borataro ba sena morutabana wa tlhomamo.
A re go le gantsi e bile bana bao ba ne ba rutwa ke baithaopi ba Tirelo Setshaba ka nako e e botlhokwa e ba kabong ba ne ba rutwa ke morutabana yo o rutetsweng tiro.
A re selo seo se ne sa busetsa bana kwa morago go menagane.
Mme Tswaranang o bile a tlhalosa fa bontsi jwa barutabana ba sekole seo gantsi ba a bo ba seyo ka dinako tsa dithuto ba dira ditiro tsa bone tsa selegae mme a kopa gore bana bao ba boelele lokwalo lwa bosupa go na le go feta fela, le gore barutabana bangwe ba fudusediwe kwa dikoleng di sele, selo se a tlhalositseng fa se ka dira pharologanyo.
Mme Tswaranang a re bokamoso jwa bana bao bo a tlhobaetsa fa ba ka fetela kwa mophatong wa ntlha ka maduo a a ntseng jalo.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Tshegofatso Batlang yo le ene a neng a ngongoregela maduo ao, o ne a gwetlha batsadi go itshekatsheka go na le go supa barutabana ka monwana ba le bosi.
A re batsadi bangwe ga ba kgathale ka thuto ya bana mo e bileng e setse e le mokgweleo wa barutabana fela, a ba a tlhalosa fa go dira jalo le gone go ka digela maduo tlase.
Mme Olebetse Ratlou ene o ne a kopa sekole seo go tlhotlhomisa gore matsapa di a tsere kae le go batla tharabololo ya sennelaruri.
Mo dikoleng tse di masome mabedi tsa kgaolo-potlana ya Moshupa, sekole seo se tsile se di goga kwa mogatleng ka phenyo ya masome a mabedi mo lekgolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Sesung
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Feb 2018






