Mopalamente o rolela banni ba kgotlana ya Sekwe ditlhabololo
06 Feb 2018
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o ne a rolela banni ba kgotlana ya Sekwe mo Letlhakane ditlhabologo tse di tlang mo motseng wa Letlhakane.
Mopalamente o ne a dira jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotlaneng ya Sekwe bosheng.
Rre Lelatisitswe a re ba ba neng ba na le ditsha mme ba na le dikakanyo tsa go di rekisa ba itse gore ditlhabologo di gorogile mo motseng, ka jalo ba bolae dikakanyo tseo.
O kaile fa ba tlaa agelwa kokelo ga mmogo le diofisi tsa sepodisi tse disha.
A re di tlaa bo di agwa kwa ditsheng tse disha tsotlhe go di atolosa sentle.
A re go nnile le tiego mo kagong ya diofisi tsa sepodisi ntateng ya go fetola ditsha mme di tlaa fela monongwaga.
O supile fa moepo wa Karowe o tlaa aga lebala la metshameko le le tlaa bong le akaretsa mabalana a metshameko ka go farologana mme banni ba tlaa nna le sebaka sa go tlhabolola le go godisa bokgoni jwa bone.
A re ba moepo ba supile fa ba tlaa nna ba tlhabolola lebala le go tswelela go le baya mo seemong sa a mangwe a matona.
Banni gape ba tlaa akola go tsenyediwa dipone tsa mo mekgwatheng motse otlhe ka tshwaragano ya kgaolo le ba moepo wa Debswana.
A re se se tla morago ga gore ba Debswana ba tsibogele kgang ya gore babereki ba bone ba tsamaya mo lefifing go ya mapalamelong a dibese ka dinako tsa tiro.
Rre Lelatisitswe o boleletse banni fa kgopho ya metsi a a leswe e tlaa dirwa ka madi a a adimilweng kwa bankeng ya mafatshe.
A re gape letamo le a fudusiwa mme go tlaa dirwa kgokagano go ya kwa mafelong a a dirisang metsi a mantsi jaaka kokelo le dikole.
O supile gape fa sekole sa ithutelo ditiro mo Letlhakane se tlaa tokafadiwa go nna mo seemong sa go ruta ditiro tse di amanang le moepo.
Mopalamente o solofeditse banni fa ditlhabololo tse di tlaa fetola motse go nna toropo mo isagong mme e bile ba di solofele di le dintsi.
Mongwe wa banni ba motse, Rre John Tshikinya o ne a akgolela mopalamente go tla go ba tsibosa ka ditlhabologo mo motseng wa bone.
A re bone ba ntse ba ngongorega ka tiego ya ditlhabologo tse di tswang mo letlhakoreng la puso.
A re puso e dira ditlhabololo ka bonya mo kgaolong ya bone.
Rre Tshikinya o supile fa gantsi ba solofediwa mme go sa diragale, a kgothatsa mopalamente go emela ditlhabololo tseo ka dinao .
A re meepo le yone e maoto a tshupa go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse ntswa e tshwanetse go ba tlhabolola.
O ne a tlatsa ka go re go tshwanetse ga nna le dipuisanyo gareng ga meepo le banni ba motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Kelebeile
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 06 Feb 2018






