Breaking News

Lephata le tsibogela letlhoko la diofisi

05 Feb 2018

Lephata la merero ya tsamaiso lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe le abetse setlhopha sa ‘He Chelago’ caraven go fokotsa letlhoko la diofisi.

Setlhopha sa ‘He Chelago’, se tumile ka go thusa morafe ka ditirelo tsa botsogo mo tikologong ya Kgalagadi Bokone.

Fa a rola caraven eo semmuso kwa Lehututu bosheng, mothusa tona wa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho metsi a a leswe, e bile e le mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Itumeleng Moipisi, o tlhalositse fa lephata la gagwe le tswa kgakala le otlolotse letsogo.

A re o dumela fa mpho ya caraven le di dirisiwa tsa yone, e le sekao sa gore lephata la gagwe le a kgathala e bile le tsibogela letlhoko la setshaba, jaaka le sa ipona tsapa go thusa ba setlhopha sa ‘He Chelago’ mo Lehututu.

O ne a akgola setlhopha seo go dira ka bonatla le mororo ba ne ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la diofisi le ditlamelo tse di ka ba kgontshang maikemisetso a bone.

O supile fa ka boammaaruri caravan eo e tlaa ba thusa go tokafatsa ditirelo tsa bone.

Mothusa tona o ne a tlalaletsa ka go bolela fa go le maleba gore lephata le tsenye letsogo go godisa serodumo sa botsogo ka jaana selo seo se ka thusa le gone go rotloetsa setshaba go nna le kgatlhego  mo go tsa merero ya tshomarelo metsi.

Rre Moipisi o tlhalositse fa botsogo jo bo itekanetseng bo ofa batho sebaka sa go nna le nako, maatla le kgatlhego ya go tsenya letsogo mo ditirelong tse di farologanyeng go ka tokafatsa matshelo a bone.

Rre Moipisi o ne a lebogela kemo nokeng go tswa kwa boeteledipeleng jwa motse, le morafe ka kakaretso e ba e neetseng lephata la gagwe mo tirong eo gore e atlege.

O ne gape a akgola bogogi le bodiredi jwa lephata la metsi ka kakaretso ba ba nnileng le seabe mo go baakanyetseng tiro ya mofuta oo, le go bo ba ne ba tsibogela kopo ya setlhopha sa ‘He Chelago’.

A re se se dirilweng ke ba lephata la gagwe, ke sesupo sa gore fifing go tshwaranwa ka dikobo, a gatelela gore tirisanyo mmogo ke yone konokono ya go fitlhelela dikeletso tsa setshaba.

Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa morafe wa Lehututu go dirisa mpho eo, ka fa tshwanelong, le go e fa tlhokomelo e e nitameng.

Fa a tswa la gagwe, mookamela lephata la metsi, Mme Bogadi Mathangwane o tlhalosiste fa tiro ya go aba e se tiro e e motlhofo ka jaana madi e le one sekgoreletsi.

A re le fa go le jalo, ba ne ba seka ba ipona tsapa, mme ba tshwaragana e le bodiredi go araba selelo sa ‘He Chelago’. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Molatole

Location : LEHUTUTU

Event : Kabelano

Date : 05 Feb 2018