Breaking News

Ba Setsile ba lwadiwa ke nama ya kgomo

05 Feb 2018

Bangwe banni ba motse wa Setsile ba le masome mane go balelwa bagolo le bana ba tsweletse ka go tshabisega morago ga go ja nama ya kgomo.

Kgosi Senau Ramaribana o boletse mo phuthegong ya tshoganetso e e neng e tsenwe ke badiri ba lephata la botsogo bosheng, gore morafe wa gagwe o simologetswe ke letshololo kgwedi eno e le masome mabedi le boferabongwe, morago ga go ja nama ya kgomo.

Kgomo eo go bolelwa fa e ne e kentilwe malatsi a le mararo pele ga nama ya yone e rekisediwa batho ba Setsile.

Kgosi Ramaribana o boletse fa mo bathong ba le masome mane ba ba neng ba jele nama ya kgomo eo, ba le masome mabedi le bone, ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye, fa ba le lesome le borataro ba santse ba okelwa mo malwapeng.

Rre Gaone Mosipidi, yo e leng mongwe wa batho ba ba neng ba rekisa nama eo, o tlhalositse fa kgomo eo e ne ya phadimogelwa ke bolwetse e sena go tsala namane, mme morago ba e kenta ka molemo wa theremaesene pele ga ba ka e hohotsa.

E re ka go na le bangwe ba ba tshabisegang ntswa ba sa ja nama ya kgomo eo, ba lephata la botsogo ba boletse fa ba na le dipelaelo tsa gore batho bao ba ka tswa ba nole metsi a a kgotlelesegileng, a ba neng ba a gelela mo nokeng ya Mahalapye.

Badiri ba lephata la botsogo ba ba neng ba eteletswe pele ke Mme Kealeboga Ketlogetswe, ba tlhomamiseditse banni ba Setsile fa ba tlaa tsaya nama ya kgomo eo ga mmogo le metsi a noka ya Mahalapye e banwang mo go yone go ya go tlhatlhojwa.

Mme Ketlogetswe o kopile banni ba motse oo go bidisa metsi pele ga ba ka a dirisa go bolaya megare e bile a ba rotloetsa go aga matlwana a boitiketso go na le go ithomela mo sekgweng ka go dira jalo e le go kgotlela tikologo.

Ka nako ya kgang e e kwalwa, go ne go ise go umakwe dintsho dipe mabapi le seru seo se se wetseng banni ba Setsile le meraka e emo tikologong.

Batho ba Setsile ba kgadile ba shenne meno badiri ba kompone ya Water Utilities, ba go bolelwang ba na le beke ba sa ba siele metsi ntswa ba se na sediba se ba nwang mo go sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 05 Feb 2018