Breaking News

Ba Shoshong ba tsweletse ka go baya tema

04 Feb 2018

Le fa bontsi jwa Batswana jaanong go lebega ba tsholetsa diatla mo temong ya monongwaga ka ntlha ya dipula tse di boutsana, kwa kgaolong ya Shoshong bontsi jwa balemi ba tsweletse ka go baya ditema morago ga dipula tse di tshologileng ka bokete bosheng kwa kgaolong eo.

Molemisi wa kgaolo ya Shoshong Bophirima, Mme Onneile Dikang, o tlhalositse mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA gore ka ntlha ya dipula tsa bosheng bontsi jwa balemi ba tsweletse ka go dirisa lenaneo la ISPAAD go lema masimo a bone.

A re le fa batho bangwe ba santse ba inaakantse le mokgwa wa bogologolo wa go gasa ka diatla, o itumedisiwa ke gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya gagwe ba tsene ka mmetela mo temong ya segompieno ya go lema ka ditselana le go dirisa menontshane.

Mme Dikgang o rile le ntswa letsema le tshwanetse go tswalelwa  kgwedi eno e le lesome le botlhano mo kgaolong ya ga Mmangwato, o na le tsholofelo ya gore bontsi jwa batho ba tlaa bo ba setse ba beile ditema.

Mme Dikgang o tsweletse ka go bolela fa dijwalo tse di neng di tshubilwe ke letsatsi jaanong di boetse mo seemong se se itumedisang mo ebileng di tshwanetswe go ka tlhagolelwa mohero.

A re le ntswa balemi ba semeletse mo temong ka go dirisa lenaneo la ISPAAD, o tshwenngwa ke dikgomo tse di sa tlhokomelweng ka jaana di senyetsa ba bangwe dijwalo mo masimo.

Kwa Kodibeleng, Kgosi Gofaone Khukwane wa motse oo, o boletse fa batho ba masimo a Kwapeleng le Ramantswe ba tshwere ka thata go lema masimo a bone pele ga malatsi a letsema a wela kgwedi eno ele lesome le botlhano.

Kgosi Khukhwane o rile le ntswa bontsi jwa batho ba na le keletso ya go lema sebe sa phiri ke tlhaelo ya digogi di tshwana diterekere, ditonki ga mmogo le dipolantara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2018