Makgaba o kopa ditlamelo tsa botsogo
04 Feb 2018
Banni ba motse wa Makgaba o o tlhomamisitsweng bosheng ba re ba kopa go atamelediwa ditlamelo tsa botsogo le sekole se sebotlana.
Banni ba dirile kopo e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Sethomo Lelatisitswe bosheng.
Ba ne ba tlhalosa gore ba latela ditlamelo tsa botsogo kwa Mokubilo.
Ba re seemo se se bifa fa molwetse a gateletswe go le bosigo.
Ba ne gape ba ngongorega ka mapodisi ba re ga a tsibogele dipego tsa bone, ba tlhalosa gore seemo se se dira gore borukutlhi bo gole le badiramelato ba falole.
Banni bangwe ba ne ba supa fa ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma tsa lenaneo la dikgomo ka 2015 nako kgolo ke eno.
Fa a rolela mopalamente matshwenyego a bone, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Senkakiseng Keapoletswe a re ba kopa gore ba agelwe sekole ka lenaneo la go rudisa itsholelo.
Mme Keapoletswe a re ba lela ka letlhoko la metsi.
A re ba ne ba ntse ba sielwa metsi ke mongwe a tlhalosa gore o emisitse a sa bolela mabaka.
A re jaanong ba nwa metsi a a tshologang mo matlapeng a a reng ga a a siamela botsogo.
Ka kgang ya botsogo o kopile gore segolo go tsisiwe mooki letsatsi le letsatsi, a tlhola kwa go bone a boela Mokubilo maitsibowa.
Mme Keapoletswe o ne a kopa gore ba okelediwe dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng ka gore ke lone fela ba bonang letseno ka lone.
A re ba tlhoka dithuso tsa boipelego ka gore ba na le matshwenyego a mantsi a dikgang tsa biopelego.
A re le bone e le VDC ba tlhoka thuso ya bone.
O supile fa bone le ba twantsho borukutlhi ba tlhoka paka le dikatso.
A re ba tshwenngwa gape ke tiego ya lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID.
A re batho ba sale ba isitswe dithutong mme ga ba ise ba thusiwe.
Mme Keapoletswe a re ba na le matshwenyego a bojalwa jo bo nowang pele ga nako e e beilweng ya go bulwa ga marekisetso a bojalwa.
Mopalamente Lelatisitswe o tlhalositse gore kwa palamenteng e e fetileng ba sutisitse molao paakanyo wa sesole sa Botswana.
A re molao o ne o sale o dirilwe bogologolo, ka jalo ba fetotse dilo dingwe tse di amang matshelo a bone.
Rre Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa gore batho botlhe ba ba thubeditseng maina a bone a anamisiwe gore batho ba a bone.
A tlhalosa gore motho fa a thubeditse o tlaa bo a sa letlelelwe go bereka gope fa go nang le bana.
Rre Lelatisitswe o ne a supa gore matshwenyego a bone o tlaa a isa kwa go ba ba lebaneng.
O ne a ba rotloetsa gore mongwe le mongwe yo dingwaga tsa gagwe di letlang gore o ka fiwa setsha a kope setsha ka bonako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MAKGABA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 Feb 2018






