Maduo ga a jese diwelang
01 Feb 2018
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong a re maduo a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro a a duleng bosheng ga a jese diwelang.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla mo Mochudi ka Laboraro mo phuthegong ya go ipaakanyetsa loeto lwa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama, a supa fa dikole tse dikgololwane mo kgaolong ya Kgatleng di sa ntshe maduo a a nametsang.
Rre Morolong a re go na le dikole di le lesome tse dikgolwane mo Kgatleng mme sekole se se tsereng maemo a ntlha ke Linchwe Junior Secondary School, se salwa morago ke Borwa mme go latele sa Ithuteng.
A re e re le ntswa dikole tseo di tsere maemo ao ga se a a itumedisang fa di phadisanngwa le dikole tse dingwe lefatshe ka bophara.
Modulasetilo wa khansele a re maduo ao ga a jese diwelang ka gore bana ba sekole le bone ga ba tsee thuto ka tlhwaafalo.
A re ntle le seo, go goga motokwane ga bana ba sekole le ba ba santseng ba le kwa dikoleng tse dipotlana ga go itumedise ope.
Rre Morolong o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao le gone go kgathala gore a mme ba ile sekoleng ka bangwe ba bone ba sa tsene sekole sentle.
A re o santse a makadiwa ke go bona bana ba sekole se segolwane sa Molefi e le gone ba yang sekoleng mme nako ya dithuto e setse e simolotse.
O kopile batsadi go nna matlho a bana go bona gore ba dira eng le gone go ba kaela mosola wa thuto, bogolo jang ka e le boswa jo bo sa lwelweng.
Rre Morolong a re o santse a tshwenngwa ke bana ba sekole ba ba sailang kwa marekisetsong morago ga sekole mme a re seo se borai ka ba ka raelesega go dira dilo tse di duleng mo tseleng.
O ne a kopa morafe wa Bakgatla go nna podi matseba ka metsamao ya bana le go rurifatsa gore tiro ya sekole e dirwa ka nako.
Modulasetilo wa khansele o ne a tsibosa morafe ka ditlhabololo tse di dirilweng mo Mochudi le metse e mengwe ka lenaneo la go tokafatsa itsholelo (ESP) jaaka ba kgonne go aga matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana sa Segale.
Rre Morolong a re lenaneo leo le tsweletse ka go tsisa ditlhabololo mo dikoleng jaaka le tsweletse kwa sekoleng sa Seingwaeng kwa go tlaa agwang matlo a borutelo le ntlo ya morutabana.
E re dikgang di eme jalo, o ne a tlhalosa fa mo ngwageng o o fetileng khansele e ne ya kopa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go koleka madi a dikgaolo tsa mapalamente gore ba kgone go aga leobo la kgotla kgolo ya Bakgatla mo Mochudi.
A re go nna le seabe ga bone go tlaa thusa go kokoanyetsa leobo leo madi.
Rre Morolong a re mo mading a ba neng ba a filwe a dikgaolo, metse e ne ya dira dikopo tsa go aga ditsela ka ditena fa bangwe bone ba kopile go aga mesele ya metsi.
O ne gape a bolelela morafe fa tsela ya malotwane e tlaa baakanngwa mme ditsamaiso tsa go aba tiro eo di santse di tsweletse mme tsholofelo ke gore mo bogaufing tiro eo e simolole.
Mogolwane wa thuto mo Kgatleng, Rre Kereng Koko a re go botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba thulanye ditlhogo go tokafatsa seemo sa thuto mo kgaolong le lefatshe ka bophara.
A re barutabana ga ba kake ba kgona thuto ba le nosi mme ba tlhoka batsadi go rerisana ka bana go bona gore matsapa di a tsaya kae.
Rre Koko o ne a kopa morafe go nna le bokopano jwa batsadi le boeteledipele gammogo le lephata la thuto go bona gore tharabololo e ka nna eng.
Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re ba setse ba simolotse go buisana le bana ba dikole e le tsela ya go araba selelo sa maduo a a kwa tlase.
A re ba setse ba kopane le mogokgo wa sekole sa Molefi, mme ba buisantse le bone go tla ka ditsela tse di ka thusang go tokafatsa seemo sa thuto.
Kgosi Sekai a re ba tlaa tswelela ba tshwara diphuthego tseo mo dikoleng ka go farologana go fitlhelela go nna le tharabologo le tokafalo ya maduo mo dikoleng.
A re fa e le gore bana ke bone ba senang tsebe, sengwe se tshwanetse sa dirwa gore ba boele mo tseleng.ENDS
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : phuthego ya kgotla
Date : 01 Feb 2018






