Lephata la kabo ditsha le a ngongora
31 Jan 2018
Banni ba kgotlana ya Sekwe mo Letlhakane ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha.
Ba ntshitse maikutlo a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamete wa Boteti-Botlhaba, Rre Sethomo Lelatsitswe ka Labobedi.
Banni ba Sekwe ba re lekgotla la kabo ditsha la Letlhakane ga le tsibogele dikgang tse le di begelwang gammogo le dikopo tsa bone.
Ba supile fa ba rebotswe gore ba thibe diphatlha mo motseng wa bone mme seo se ise se diragale.
Ba re ba ngongorega jaana ka ga ba sirelediwe fa e se go bewa ka fa mosing.
Mo go tse dingwe ba re dipelo tsa bone di gamuketse botlhoko ka dikompone tse di thibelelang mo kgaolong ya bone ba sa itse.
Mo mafokong a kamogelo mo kgotleng, Kgosi Makuke o ne a supa fa dikopo tsa ditsha di sa amogelwe kwa lekgotleng mme ba sa bolelelwe mabaka.
Kgosi a re go na le dikompone tse di thibelelang mo kgaolong ya bone ba sa itse mme ba nna ka go gakgamala ba bona kompone e setse e bereka mo lefelong.
Kgosi o kopile bagolwane go ba lebisa dikgang tse ka leitlho la segolo mme ba rarabololele mathata a bone le ba lekgotla la ditsha.
Rre Kelagamang Kerebotswe a re go supa o kare melawana ya khansele le lekgotla la kabo ditsha ga e nyalane.
A re goromente o tsaya batho ba ba kgakala le ditlamelo o ba tsisa mo motseng mme morago khansele yone e tlhalose fa e sa batle bomaipaafela.
Rre Kerebotswe o supile fa se se dira gore maiteko a goromente a iteye se fololetse ka batho ba ba sa tshwarege sentle.
E rile a tsibogela dingongorego tsa bone Rre Lelatisitswe a kopa banni go dira mokwalo wa ikuelo mme ba o ise kwa lekgotleng la kabo ditsha.
Mopalamente a re dikgang tsa dingongorego di molemo di dirwa ka mokwalo gore di kgone go latedisiwa sentle.
O ba sedimoseditse fa peo ya lefatshe e dirwa ke ba laphata la kabo ditsha e seng bogosi jaaka pele.
Mopalamente Lelatisitswe a re le fa ba kabo ditsha e le bone ba ba abang ditsha therisano le morafe e tshwanetse ya nna teng fa go tla sengwe mo motseng.
O solofeditse banni fa ba ba maleba ba tlaa tshwaraganela kgang ya ngongorego ya bone mo nakong e khutshwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Kelebeile
Location : LETLHAKANE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 31 Jan 2018






