Maphata a tlhaelelwa ke dipagamo le matlo a boroko
31 Jan 2018
Dikomiti le maphata a puso a a farologaneng kwa Mmatshumo ba lela ka letlhoko la dipagamo le matlo a boroko.
Ba ikuetse mo mopalamenteng wa Boteti Botlhaba, Rre Setlhomo Lelatisitswe fa a ne a kopane le bone go tla go ba lekola le go utlwa matshwenyego a bone ka Mosupulogo kwa Mmatshumo.
Maphata ka bontsi a supile fa matshwenyego a bone e le a a tshwanang a tlhaelo ya ditlamelo.
Ba tlhalositse fa ba itlamile go isa ditlamelo kwa setshabeng mme seemo se se ba itsa go dira tiro ka manontlhotlho ka ntlha ya letlhoko la dipalamo.
Kgosi wa Mmatshumo, Rre Keletshwaretse Phetsogang a re seemo sa letlhoko kgotsa tlhaelo ya dipagamo se baya maphata ka fa mosing ka gore ga ba kgone go dira tiro ka fa go tshwanetseng.
Kgosi Phetsogang o supile fa borukutlhi bo setse bo itsamaisa sesole ka lebaka la gore tlhaelo e kgoreletsa mapodisi go tsibogela dipego.
Kgosi Phetsogang a re mapodisi ga a na diofisi, fa ba direlang teng go pitlaganye mme e bile ga ba na didirisiwa.
O ne a supa gape fa ba tshwenngwa ke motlakase wa o o sa ikanyegeng a re le fa phefonyana e tsubutla o a kgaoga mme o tsamae dioura tse di ka tshwarang botlhano.
Kgosi a re ba itumeletse tsela ka gore e remilwe.
A re o tshwentswe ke batho ba ba kolotisang bagodi, mo e reng fa ba amogela madi a bone a bogodi ba bo ba sa salelwe ke sepe, a tlatsa ka go kopa banni gore ba emise go dira jalo.
Ba lephata la thuto bone ba ne ba ngongorega thata ka dijo tse di tsisediwang bana mme di se mo seemong se se siametseng go ka jewa.
Rre Kebatho Mathapa wa komiti ya batsadi le barutabana o tlhalositse fa ba setse ba seegetse kwa thoko dikgetsi tse di masome mabedi tsa setampa tse di nang le tshupa le dikgetsi tse di lesome tsa mabele.
Rre Mathapa a re matlo a borutelo ga a mo seemong se se siameng mme esale ba ikuela ngwaga o o fetileng ga go nko e tswang lemina.
Ba botsogo le bone ba ne ba supa fa tlhaelo ya dipalamo le matlo a boroko e ba tshwenya ka gore ba dirisa koloi e le nngwe mo metseng e meraro.
Leloko la komiti ya twantsho borukutlhi, Rre Gabantshetse Boshomo a re tlhaelo ya dipalamo e dira gore go nne ekare mapodisi ga a dire tiro ya bone ka gore le fa ba ka tsibosiwa ka borukutlhi gautshwane ga ba kake ba kgona go tshwara dilalome ka nako go emetswe koloi e e amoganwang.
Rre Boshomo a re ba twantsho borukutlhi le bone ba dira maiteko fela thata, le fa borukutlhi bo le teng mme ga bo bontsi, a tlatsa ka go re le fa ba dira ka natla jaana sebe sa phiri ke gore ga ba na paka.
Rre Boshomo yo a leng gape mo komiting ya bagodi a re bagodi ga ba duelwe sentle mme e bile molao wa gore bagolo ba thusiwe pele ga o sa tlhole o obamelwa.
O kopile gore go nne le thulaganyo ya gore bagodi ba sidilwe maikutlo ba itse gore bogodi ga se phelelo ya botshelo.
Rre Omoponye Batswana wa lephata la matlhoko a leruo le ene o gateletse tlhaelo ya dipagamo, a re fa dipagamo di seyo tiro e a ema ka gore gantsi ditlamelo ga di mo Mmatshumo ba tshwanetse ba di latele go sele.
O tlhalositse gore mo lephateng la bone ga ba ngongorege thata ka boroko ka gore ke bonno gape ofisi, ka jalo ga ba na sephiri le ba malwapa a bone.
Rre Lelatisitswe o supile fa a tsere matshwenyego a bone ka botlalo mme le fa tse dingwe a sena dikarabo tsa tsone mo nakong eo a solofetsa fa a tlaa dira ka gotlhe go ba tsisetsa dikarabo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebileone Kokiso
Location : MMATSHUMO
Event : Bokopano
Date : 31 Jan 2018






