Ba lela ka terata ya matlhoko
31 Jan 2018
Banni ba masimo a Tsutsuga ba bolela fa ba tshwenyegile thata ka terata ya tsa mathoko a leruo e e mo seemong se se maswe.
Ba re ga go sa tlhole go na le terata dikgomo di itsamaela fela ka go kgona le go rata e bile di tlolela kwa di sa tshwanelang go ya teng mme go tlhoke diteseletso gore di busiwe.
Ba tlhalositse jaana kwa diphuthegong tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Setlhomo Lelatisitswe kwa Tsutsuga ka Mosupologo jaaka a ne a ile go ba lekola le go tsaya megopolo go ya palamenteng e e tlang. Banni ba Tsutsuga ba ne ba lebogela sediba se ba se filweng ke Tautona ba re go setse go le mo thulaganyong ya gore se epiwe.
Ba tlhaloseditse mopalamente fa ba tshwenngwa ke marekisetso a bojalwa a a oketsegang ka mmetela mo masimo ba re a baka dintwa.
Ba ne gape ba supa matshwenyego la batho ba ba ithomelang gongwe le gongwe le metseto ya sesha e e latlhelwang gongwe le gongwe, seemo se ba reng se baka bolwetse jwa mabele mo leruong.
Ba kopile mopalamente gore fa go kgonega barekisi ba majalwa ba fiwe diteseletso gape mongwe le mongwe wa bone a age ntlwana ya boitiketso.
Monni wa Tsutsuga, Rre Bareemetse Gakebabone a kopa mopalamente gore a ba thuse ka paka ya motshameko le bolo gore ba tle ba kgone go ikatisetsa kgwele ya dinao.
Rre Gakebabone a re balwetse ba a sokola, segolo jang bagodi, a supa fa kokelwana e tla ka sewelo mme a kopa gore bogolo ba botsogo ba tle gangwe mo bekeng.
O tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke kgang ya bogodu jwa leruo jo a reng bo dirwa ke bana ba motse, a supa fa batsadi ba bo rotloetsa ka ba sa botse bana fa ba tla ka dithoto.
Rre Gaethuse Ramolotsana ene o supile fa go sena tshwaragano le therisano mo motseng mme seo se tsenya dikgotlhang magareng ga banni.
Mme Sheila Gakebabone ene a re o batla gore masimo a bone a fetolwe go nna motse, a tlhalosa fa go sena lefatshe lepe le le simolotseng e le toropo.
Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Lelatisitswe o supile fa dikgang a di utlwile mme a tlaa di tsaya mofago go ya pele, a tlhalosa fa ba tlaa gakolola ba booki gore ba nne ba ba lekole a bo a gatelela gore ngaka ga go motlhofo gore e tle mo Tsutsuga ka gore e tshwanetse ya berekela mo lefelong le le tlhatlhobilweng e bile le netefaditswe gape le na le ditlamelo tsotlhe tse e di tlhokang.
O ne gape a tlhalosa gore paka ya bolo o tlaa nna a e sekakaseka mme a tlhalosa fa bolo yone e le teng.
Rre Lelatisitswe a re ba itse ka kgang ya terata e e kganelang matlhoko a leruo mme a supa fa ba lephata la matlhoko a leruo ba lekile go dira maiteko a gore e tlhokomelwe ke ba ba bapileng le yone.
A re ba tlaa nna ba gakolola mapodisi gore ba nne ba tlhodumele seemo ka gore dikgang tsa dintwa tsa majalwa le bogodu jwa leruo di a tshwenya.
Fa a tlhalosa ka ya gore Tsutsuga e tlhomamisiwe e nne motse a re puso e tsere tshwetso gore ga go masimo ape a a tlaa tlholang o tlhomamisiwa go nna motse morago ga e e neng e tlhomamisiwa bosheng, Makgaba a le mo teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebileone Kokiso
Location : TSUTSUGA
Event : Phuthego
Date : 31 Jan 2018






