Seemo sa metsi se tlaa tokafala kwa Mahotshwane
30 Jan 2018
Mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile o tshepisitse morafe wa Mahotshwane gore seemo sa bone sa letlhoko la metsi se tlaa tokafala mo bogaufing.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Ntlhaile a tlhalosa fa a ne a kopane le maphata a a amegang mo go tsa metsi mme lekalana la Water Utilities Corporation (WUC) le kaile fa le tlaa ba gokelela metsi pele ga Moranang a fela.
A re ba WUC ba supile fa ba setse ba simolotse go dupa fa ba ka phunyang metsi teng gore seemo sa letlhoko la metsi se bepe.
A re e re ntswa Mahotshwane a dikologilwe ke metswedi ya metsi, go supegile fa metsi ao a le letswai, ka jalo ba tshwanelwa ke go batlelwa a sele mo tikologong.
E ne e rile go le pele Kgosi Maipolelo a tlhalosa fa lenyora le le aparetseng motse wa gagwe le ama le tsone ditlhabololo ka le bone badirelapuso ba setse ba sa batle go berekela kwa motseng oo.
A re morafe wa gagwe o dumalane gore madi a a abetsweng motse wa bone a dikgaolo tsa botlhophi a dirisiwe go gokela metsi ka ba na le lobaka go sena metsi mme go se nko e tswang lamina.
Kgosi Maipolelo a re letlhoko la metsi le busetsa dithuto tsa bana kwa morago ka gore ka nako ya dijo ba bulelwa gore ba ye go ja kwa malwapeng, mme go tshwana fela ka le teng metsi a seyo.
A re seemo se se ngomola pelo mo e bileng batho ba setse ba anwa metsi a a letswai le leruo, ka jalo ba baya matshelo a bone mo diphatseng.
Morafe le one o ne wa iteela kobo moroko mafoko a ga Kgosi Maipolelo gore go lobaka ba sena metsi mme ga go na yo o tsibogang.
Ba re seemo seo se ba kgoreletsa le gone go nwa dipilisi sentle, ka jalo go babalele botsogo jwa bone.Ba tlhalositse fa gape ba ikemiseditse go ithaopa go epela diphaephe le go tsenya letsogo mo go gokelweng ga metsi mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MAHOTSHWANE -
Event : phuthego ya kgotla
Date : 30 Jan 2018






