Breaking News

Kgosi Puso o galaletsa puso

30 Jan 2018

Modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Puso o galaletsa puso ka go lemoga botlhokwa jwa merero ya tsa bogosi.


E rile a simolodisa phuthego ya dikgosi mo Gabororne, a lebogela gore bogosi bo teng mo molao-motheong wa lefatshe ga mmogo le go nna teng ga ntlo ya bogakolodi.


“Le yone puso ga mmogo le rona, ke tsaya fa re tlaa nna re buisanya, re lemotshana ka tse di botlhokwa tse di dirwang go tokafatsa seemo sa bogosi ka kakaretso le yone ntlo e.”


O bolela fa borara bo tshwentswe ke dipolaano tse di lebegang di ata mo tshabeng ya Botswana, a bolela fa metse ka bontsi le bophara e nnile le dikgang tsa dipolaano tse di ka sekeng tsa itlhokomolosiwa.


“Ke tsaya sebaka se go gakolola setshaba sa rona gore re tshaba e e ratelwang go tlotla kagiso le lodula.


Re tshaba ya botho le setho jaaka re atle re re motho ke motho ka batho.”


Ka jalo, o rotloeditse Batswana go fedisa dipolaano le go tlotla Setswana se se reng ntwa kgolo ke ya molomo.


O bile a kgothatsa Batswana go itlwaetsa go dirisa masika go bua dikgang, go dirisa dikgotla le mapodisi le bagakolodi pele ga motho a ka itseela ditshwetso tse di bokete.


Kgosi Puso o bile a  rotloetsa maloko a Ntlo Ya Dikgosi go  thusa mo go lwantshaeng nnotagi e e tsweletseng ka go senya lefatshe leno.


A re tiriso ya dinotagi gotlhelele e ntsha batho mo mekgweng ya setho.


O kopile borara go nna le seabe se segolo mo go ageng setshaba ka go etelela merero ya boitsholo le ngwao ka go sekaseka tse di bonyweng ke Puso Commission go thusa puso go bopa setshaba.


O bile a lebogela gore Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o tsweletse ka go laela Batswana, a bolela fa se se tsweledisa mowa wa go neelana puso ka kagiso.


“Se ke phitlhelelo e kgolo ya lefatshe la Botswana le le tlwaelesegileng ka go dira dilo ka kagiso le merero. Re le ntlo re tsamaisa rraetsho ka pula.”


Phuthego e ya bolesome ya Ntlo Ya Dikgosi, e e e tlaa tsayang selekanyo sa beke, e tlaa buisanya ka molao-kakanyetso wa Matimela wa 2017.

E tlaa bo e arabe dipotso di le masome mane le bone ga mmogo le go buisanya ka megopolo e le merataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : GABORONE

Event : Ntlo ya dikgosi

Date : 30 Jan 2018