Breaking News

Ratoropo o kopa batsadi go wela dibete

29 Jan 2018

Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o kopile batsadi ba ba neng ba kokoane kwa sekoleng se segolwane sa Makhubu go ritibala dipelo morago ga magatwe a gore go bonwe noga kwa sekoleng seo mme  seo se amanngwa  le ditiro dingwe tsa lefifi kana bosaatane.

Rre Molosiwa o ne a kopa batsadi go dibela maikutlo a bone ka go lebega dikgang tsa go nna jalo di kgobirile maikutlo a batho mme go lebega dikgang  tsa go nna jalo di sena boammaaruri.

Rre Molosiwa o supile fa batsadi e le bone ba tshwanetseng go sireletsa bana le go ba ruta tsamaiso e e maleba ya go supa ngongorego, a supa fa se batsadi bangwe ba se dirileng ka go gatlhamela kwa sekoleng ba bo ba baka ketsaetsego magareng ga boeteledipele jwa sekole le bana e se selo se se siameng.

E ntse e le mo kokoanong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe, bagolwane ba thuto, batsadi le barutabana, Rre Sonny Mooketsi yo e leng mookamedi wa thuto mo kgaolong ya Legare o ne a simolola ka go tlhalosa fa bana ba setse ba na le malatsi a le mararo ba sa rutwe mme se se sa siama ka se ama thuto ya bone.

Rre Mooketsi o supile fa dilo tsotlhe tse go buiwang ka tsone ba setse ba dirile  ditlhotlhomiso mme go sena boammaaruri mo go tsone.

Rre Mooketsi o ne a supa fa ba ne ba ikopanya le ba kompone e e thapilweng go tlhokomela sekole sa Makhubu mme boammaaruri jwa kgang eo ke gore e rile ka di 23 tsa Hirikgong modisa dikago a lekola sekole, a a bona  noga mme e rile a leka go e bolaa ya sia mme ya tsena fa gare ga ditena.

Rre Mooketsi a re go tlhalosega fa e rile mo mosong modisa dikago a ya go lekodisa mogokgo ka se se diragetseng  se e le  gore mogokgo a kgone go tsibosa bana gore ba e le tlhoko ka go na le dipelaelo tsa gore noga eo e santse e le teng mo tikologong ya sekole.

Rre Mooketsi o ne a supa fa ba sa tlhaloganye gore dikgang tse di senang boammaaruri di ne tsa goroga jang kwa botsading mo go feletseng go baka tlhakatlhakano kwa sekoleng.

Rre Mooketsi o ne a supa fa mogokgo yo o amanngwang le dikgang tse a le mosha mo sekoleng ka a gorogile  kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le lesome le borataro mono ngwaga e bile go ya ka ditshekatsheko tsa bone go sena sepe se se mo amanyang le ditiro tsa go nna jalo kwa a neng a ntse a direla teng.

Rre Mooketsi o ne a supa fa dintsho tsa bana ba ba kileng ba tlhokafala ke nako e mogokgo yoo a neng a seo ka dingwe tsa tsone di diragetse ngogola.

Le fa go ntse jalo, Rre Mooketsi o ne a solofetsa batsadi fa a tlaa rolela ba ba maleba ka dikgang tsotlhe tse ba di buileng mme e re morago batsadi ba bolelelwe ka tshwetso e e tserweng.
O ne gape a supa fa bana ba sekole ba tlaa batlelwa ba ba maleba go ba sidila maikutlo.

Kwa bofelong, ramapodisi wa Selebi Phikwe, Rre Victor Nlebesi  o ne a kopa batsadi go dirisa tsela e e maleba ya go ngongorega go itsa go gotlhagotlhana le molao ka e bile Batswana e le batho ba ba itsegeng ka mowa wa lorato le popagano. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : kokoanong

Date : 29 Jan 2018