A Ba Herero ba tlhorontsha ba Tidimalo
29 Jan 2018
Batho ba kgotla ya Tidimalo ba boletse mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Joseph Molefhe ka Labotlhano, fa ba thorontshiwa masigo ke digopa tsa banana ba kgotla ya Herero.
Ba re le ntswa ba setse ba kile ba itsese mapodisi mo Mahalapye ka digopa tseo, tse go bolelwang di dirisa ditonki masigo go amoga batho dithoto tsa bone le gompieno ga go nko e tswang lemina ka jaana mpodisi a ise a tshware ope.
Rre Gaboinewe Bolebantswe o kopile mmuso go sekaseka go baakanya molao o o letlelelang batho ba ba bolayang ba bangwe go letela ditsheko kwa ntle ga kgolegelo.
A re go letlelela badira-melato ya go nna jalo go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ke dingwe tse di tlhotlheletsang batho go gapela ba bangwe matshelo ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele e bile a bolela fa go dira jalo go ka rotloetsa ba masika a baswi go itseela molao mo diatleng.
Banni ba Tidimalo ba boleletse mopalamente fa ba sa itumedisiwe ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa beng ba dikgwebo tse di neetsweng dithendara tsa go phakisa batlhoki le bana ba masiela dijo.
Ba boletse mo phuthegong eo gore le ntswa mmuso o dirisa madimadi go leka go namola batlhoki le masiela mo lehumeng, ba tshwenngwa ke gore batho ba ba thusiwang ka lenaneo leo ba beilwe ka fa mosing ke bagwebi ba ba neetsweng dithendara ke khansele.
Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke go tlhoka go rerisiwa ka ditiro tse di dirwang mo kgotleng ya bone ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP, go tlhoka go hira bana ba Mahalapye ga dikompone tse di thapilweng go dira ditiro tseo mo dikoleng tse dipotlana le tiego ya go neelwa didirisiwa tsa lenaneo la nyeletso lehuma le ntswa bontsi jwa bone ba setse ba tswa dithutong tsa go simolola madirelo.
E ne e rile go le pele, Rre Molefhe a bolelela batlhophi ba kgaolo ya gagwe fa mmuso o dumalane le kopo ya go tlhabolola mola wa tsela e e tshwaraganyang tsela ya pele ya Kalamare le tsela ya Madiba, go tokafatsa seemo sa kokelwana ya Madiba le go agwa ga matlo a boroko jwa barutabana mo dikoleng tse dipotlana tsa Tamocha, Fredrick le St Patrick.
Rre Molefhe yo a neng a tlanyatlanyetsa batho ba kgotla ya Tidimalo ka loeto lwa ga Tautona kgwedi e e tlang e fera bobedi, o tlhalositse fa mo palamenteng e e fetileng mapalamente a fetisitse ditsetlana tsa molao o o letlang puso go baakanya molao wa tsamaiso ya sesole le go letlelela komiti ya palamente e e lebaganeng le go dupa dibuka tsa madi a mmuso go tlhoma leitlho lekalana le le neetsweng boikarabelo jwa go tlhokomela lookwane lwa mmuso ka jaana go lebega dilo di sa tsamaye sentle.
Mopalamente o boletse fa maikaelelo a go simolodisa lenaneo la ESP gammogo le madi a a abelwang dikgaolo tsa botlhophi a P10 million e le tsela nngwe ya go bulela batho ba metse ya magae ditiro le go tlhabolola metse ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Jan 2018






