Banni ba tlaa imatswa
29 Jan 2018
Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga o rotloeditse banni ba motse oo, Mawana le metse e e mabaphi go dirisana le dikompone tse di dirang mafaratlhatlha a motlakase mo tikologong ya bone.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya mafaratlhatlha ao kwa Mawana sub-station gaufi le Chanoga, Kgosi Setlhodi o supile fa dikgaolo tsa selegae di tshwana le tseo di tshabelelwa ke lehuma le letlhoko la ditiro.
Ka jalo Rre Setlhodi o ne a re go botlhokwa gore fa go na le ditiro tse dikgolo tse di tshwanang le tsa go dira mafaratlhatlha ao di tsewe ka tlhoafalo ka di tlhama mebereko le fa e se ya sennela ruri.
A re o solofela fa tiro eo ya mafaratlhatlha a motlakase e tlaa fa bangwe ba metse eo ditiro.
Kgosi Setlhodi o tshwaetse fa tirelo ya mafaratlhatlha a motlakase e le botlhokwa thata ka e tlhofofatsa ditlhabololo mo kgaolong.
Ka jalo o ne a leboga goromente go simolodisa tiro eo ya go tsisa motlakase wa selekanyo se segolo kw3a dikgaolong tsa Bokone Bophirima mo go tlaa thusang go fedisa tlhaelo ya motlakase.
Mogolwane wa kompone e e dirang mafaratlhatlha ao e e tswang India ya Larsen and Toubro, Rre Rahul Sikka o ne a supa fa kompone ya bone e tlhompha go fa beng-gae dithata tsa mebereko.
Rre Sikka o ne a gwetlha banni ba Mawana le metse e e mabaphi go ikatametsa go batla mebereko mo go bone.
A re botlhe ba ba nang le dikitso le ba ba senang dikitso ba tle ka kompone ya bone e kgona go rutuntsha ka ditiro tsa dikitso tse di ko tlase.
O boile gape a re ba rotloetsa beng-gae ka go thapa baithuti ba dithuto tsa boitseanape jwa maranyane ba le lesome le bobedi go ikatisetsa tiro.
Mafaratlhatlha ao, a a tsayang motlakase go tswa Palapye go ya Mawana mme a o fetisetsa kwa Toteng, a tshwanetse go fela go dirwa 2019 o fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAWANA
Event : tshimolodiso ya mafaratlhatlha
Date : 29 Jan 2018






