Anglican e ipelela dingwaga tse di lekgolo le botlhano
29 Jan 2018
Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o kgothaditse bogogi jwa kereke ya St Paul Anglican mo Molepolole go nna boeteledipele jwa motia e bile bo na le tebelopele.
Rre Tsogwane yo gape e leng Mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Boteti bophirima o buile jaana kwa moletlong wa ipelelo dingwaga di le lekgolo le botlhano Anglican e ntse e le teng mo Molepolole.
Tona Tsogwane o galaleditse maloko a kereke e go bo ba nnile seopo sengwe go fitlhelela dingwaga tse di fetang lekgolo.
A re o tlhaloganya fa ba nnile le leeto le le telele le le neng le tletse dikgwetlho, mme seo ga se a ka sa ba nyemisa moko ka ba ile ba nna le tshepo le tsholofelo e e ba gogileng go fitlha mo nakong eno.
O lebogile bogogi jwa pele jwa kereke go bo bo ne jwa thoma motheo wa kereke wa motia o santseng o itsetsepetse.
“Ke lebogela bogogi jwa pele jwa kereke go bo bo nnile le lerato le kitso tse di neng di na le tebelopele ya go goga phuthego go fitlha mo dingwageng tse re leng mo go tsone ka e bile re bona kereke e kgonne go anama le dikgaolo tse dingwe tsa lefatshe leno.”
O ne a tswelela ka go supa fa kereke ya Anglican e nnile le seabe se segolo mo go tlhabololeng setshaba.
O file sekai ka seabe mo go tsa dithuto ka e e ne ya thusa mo tshimolodisong ya sekole se sebotlana sa Canon Gordon mo Molepolole se se reeletsweng ka Moruti wa pele wa Anglican Canon Gordon.
E ne ya re a tlhalosa ditso tsa kereke, lebutswapele la Anglican, Mme Nkhumo Beleme a supa fa e gorogile mo Molepolole ka 1911 mme e simolodisitswe ke mohumagadi wa pele wa Bakwena Mme Lenah Sechele.
O supile fa mo nakong eo e ne e obamela mo kgotleng kgolo ya Bakwena ka ba ne ba sena lefelo la kobamelo mme mo tsamaong ya nako Kgosi Sechele wa bobedi a ba thusa ka go ba batlela lefelo le ba ka obamelang sentle mo go lone.
Mme Beleme o tlhalositse fa ka 1916, Kgosi Sechele a ne a ba abela setsha fa go neng go na le letlotla la benkele.
E ne ya re a tswa la gagwe, moeteledipele wa phuthego, Bishop Metlhayotlhe Beleme a kgothatsa maloko gore ba dirise nako e ba e filweng go itsaya motlhala gore a mme ba tsamaya mo dikgatong tse di maleba.
Bishop Beleme o ne a kopa gore meletlo ya mehuta o, e seka ya nna meletlo fela ya ipelo.
“Ke le kgothatsa go dirisa sebaka se go itharabologelwa le go tsepama mo tumelong ga mmogo le go gakologelwa moono le maitlamo a kereke.”
Bishop Beleme o ne a kgothatsa maloko go nna le lorato le popagano ka e le tsone di ka godisang bodiredi le tumelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Orapeleng Batisani
Location : MOLEPOLOLE
Event : moletlo
Date : 29 Jan 2018






