Dipula tsa matlakadibe di sentse kwa Goshwe
28 Jan 2018
Dipula tse di neleng ka Laboraro maitseboa kwa Goshwe di tlogetse batho ba malwapa mangwe ba sena fa ba latsang tlhogo teng morago ga gore matlo a bone a tsewe ke phefo.
Mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa ba ba amegileng, Mme Onalenna Kobela a re pula ya teng e simolotse ka diphefo le dikgadima maitseboa ka nako ya boraro.
Mme Kobela a re pula eo e ne ya gosomana diuora di ka nna pedi mme ya rutlolola ntlo ya gagwe ya dikamore tse pedi ya tsaya marulelo ya a latlhela kwa patlelong ba sala mo legoeleleng, ka lesego ga seka ga nna ope yo o golafetseng.
O tsweletse a bolela fa dilwana di amilwe thata ke metsi e bile le ngwana wa gagwe yo o neng a filwe thendara ya go apeela babereki ba Ipelegeng a sa kgona go apaya ka le dijo di ne di sentswe ke pula.
E ntse e le kwa Goshwe, matlo a VDC a le matlhano le one marulelo a one a tserwe ke diphefo tseo.
Mmaboipelego wa Goshwe o boletse fa a santse a sekaseka seemo, a bolela fa a amogetse dipego tsa malwapa a le lesome le boraro a a amegileng.
Mopalamente wa kgaolo Nkange, Rre Edwin Batshu yo o neng a ile go lekola seemo sa tshenyo eo, o boletse fa dipula tseo di sentse thata.
Rre Batshu o supile fa motse oo wa Goshwe o dikaganyeditswe ke dinoka e bile go se motlhofo go ka ya kwa Tutume ka nako ya dibetso tsa tlholego go kopa thuso, ka jalo a kopa puso go sekasekela tsela ya motse oo go ka tshelwa sekontere.
O solofeditse ba ba amilweng gore khansele le komiti ya dibetso tsa tlholego ba tlaa sekaseka seemo sa bone mme ba thusiwe ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Goshwe
Event : Potsoloso
Date : 28 Jan 2018






