Breaking News

Thibelo ya tlhako le molomo e tsweletse

23 Jan 2018

Mogolwane wa lephata la Matlhoko a leruo mo Ngamiland mme Winani Malumbela o supile fa motsamao wa leruo o ntse o emisitswe mo kgaolong ya 2d e e akaretsang metse ee mo Ngami, metse ee mo Maun le mabaphi go akaretsa motse wa Chanoga.

Mme Malumbela o tlhalositse seo kwa phuthegong ya Kgotla e e neng e buisiwa ke ofisi ya Molaodi ya kgaolo ya bokone Bophirima ka Labobedi.

O supile fa go buletswe dikgaolo tsa 2a, 2c le 2e tse di akaretsang metse ee ko Okavango fela mme are metsamao e e buletsweng ke ya go isa dikgomo kwa matlhabelong.
Mme Malumbela o ne a gatelela fa motsamao wa leruo go tswa lefelong lengwe go ya go le lengwe o sa letelelwe gotlhelele.

Go ema ga metsamao ya leruo go sale go simologile morago ga tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo kwa morakeng wa Namanyane gaufi le Sehithwa ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse.

O ne gape a ba gakolola fa baitsianape ba leruo ba lemogile botlhokwa jwa go dirisa madirelo a a bayang leruo nakwana pele ga le ya matlhabelong ka jalo a gakolola banni ba Chanoga gore ba itse botlhokwa jwa seo.

Le fa go ntse jalo banni ba Chanoga ba ne ba ngongorega ka go emisiwa ga metsamao ya leruo mo kgaolong eo ba supa fa go ba bakela lehuma.
Banni  ba tlhalositse fa go le go botlhoko go bo kgaolo ya bone e sa letelelwe motsamao wa leruo gotlhelele le ntswa bolwetsi jwa tlhako le molomo bo se ke bo tshwarwa mo metseng ee mo ntlheng ya Chanoga.

Fa ba akgela, Rre Oesi Lokae o ne a supa kutlobotlhoko ka ditlamorago tsa tlhagogo ya bolwetsi ja tlhako le molomo, a re bo ba beile ka ha mosing ka ba itshetsa ka kgomo mme ba ka se kgone go rekisa sale ngogola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : CHANOGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Jan 2018