Ba lela ka tlhaelo ya barutabana
23 Jan 2018
Go bolelwa fa go na le tlhaelo ya barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa motse wa Tsetseng.
Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tsetseng Rre Letlhomame Maphale, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Ngaka Ngaka.
Rre Maphale o supile gape fa ba sena mokenti mme ba thusiwa ke wa motse wa Motokwe, yo le ene ba supang ba sa kgone go mmona jaaka ba solofela, a bo a supa fa se se dira gore ba sokole go bona teseletso ya go rekisa leruo la bone.
O tlhalositse gape fa ba sokola go reka metsi, a bo a ntsha matshwenyego a gore tanka ya metsi e tsholola metsi.
Rre Maphale o boletse fa ba sale ba solofediwa gore go tlaa dilwa tsela ya Motokwe/ Tsetseng, mme le ka nako eno go sena sepe se se dirwang mo go yone.
O boletse gape fa mmaboipelego le molemisi ba nna kwa motseng wa Motokwe, mme go le thata gore ba ba thuse ka jaana ba sena koloi.
O boletse gape fa ba sale ba utlwalela gore ba filwe madi a kgaolo go ya go aga motse wa setso, mme nako kgolo ke eno ga ba ise ba a bone.
Modulasetilo o tlhalositse fa ba tlhoka mokgweeetsi wa koloi ya kokelwana, gape ba kopa gore kokelwana eo e tsenngwe motlakase le kwa sekoleng, gammogo le diofisi tsa kgotla.
Erile a tsibogela mafoko a, mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka, a supa fa puso e tsibogetse selelo sa bone, ka jaana go tlaa tsenngwa motlakase wa letsatsi kwa dikoleng tsa metse e e kgakala le ditlamelo jaaka sa Kaudwane le Tsetseng, a supa fa metse e mengwe jaaka Khekhenye le Metsibotlhoko e tlaa gokelelwa motlakase ka jaana e le gaufi le metse e e nang le motlakase.
Mopalamente o supile gore madi a kgaolo a teng mme go ne go santse go baakanngwa dilo dingwe tse di neng di sa dirwa, a bo a ba kopa go leta ka tsholofelo, ka jaana kopo ya bone ya go aga motse wa setso e tlaa diragadiwa.
O ntshitse matshwenyego a maduo a a kwa tlase a sekole sa Tsetseng, a supa fa bana ba banana e le bone ba ba tsenang dikole, mme batsadi ba bone ba sena kgatlhego go bona tiro ya bone kwa sekoleng.
O supile fa erile ka ngwaga wa 2013 sekole seo se ne se dirile 33.3 per cent , ka ngwaga wa 2014 sa dira 54.5 per cent mme ngogola se wetse tlase gape ka 30.8 per cent.
O supile gore dikole mo kgaolong ya gagwe di okeditse maduo kwa ntle ga sa motse wa Tsetseng le Maboane, tse tsotlhe maduo a tsone a leng ka fa tlase ga 50 per cent. Mopalamente o boletse fa a ntshitse kopi e e gaisanelwang fa e sale ka ngwaga wa 2014, mme sekole sa ntlha go e phamola e ne e le sa Tshwaane, mme ya tsewa ke sa Dutlwe se tlhomaganya dingwaga tse tharo, a supa fa jaanong e tlaa nnela ruri kwa Dutlwe mme a ya go reka e sele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TSETSENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jan 2018






