Kereke e rotloetsa baithuti ba Hill School
22 Jan 2018
Moruti wa kereke ya Spirit Embassy wa lekalana la Gaborone moruti Berry Mapoma a re kereke eo e ema nokeng thuto ka go rotloetsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhwafalo .
Moruti Mapoma o buile mafoko ao ka Labotlhano jaaka kereke eo, ene abela baithuti ba sekolo se se botlana sa Hill School mo Lobatse bale masome a mabedi le bosupa dimpho, ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re mosimilodi wa kereke Prophet Uebert Angel o rata thuto fela thata ka gore thuto ke bokamoso jwa motho mongwe le mongwe ka gore motho fa a na le thuto o kgona go itlhophela tiro e a e ratang. .
O boletse gore kereke e ne ya bona go le maleba go thusa baithuti, a tlatsa ka gore puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo le bone e le phuthego ya Modimo ba tsibogetse seemo sa botlhoki sa baithuti ba sekolo seo sa Hill School.
O tsweletse a bolela gore ba rotloetsa baithuti bao, gore ba seka ba kotlomela maikutlo , ba itlhoboga, go sa kgathalesege gore bana le letlhoko,ka gore tshegofatso ya Modimo e dirwa ke batho ba dira ditiro tse dintle tsa Modimo.
Moruti Mapoma o boletse gape gore dilo tse dintsi tse kereke e didirang di supa Modimo a rata baithuti le batho ba gagwe a tlatsa ka gore kereke eo e tlisitse lorato mo sekolong seo.
Mo go tse dingwe moruti o boleletse baithuti gore ba ka fetola Peleng ka fa a lebiwang ka teng ga ba tlhwafalela go ithuta , ka ke lefelo le ba tshelang mo go lone, a tlatsa ka gore kereke e itlama go tlhokomela sekolo se sa Hill Schoo ka lenaneo la Adopt a School.
Moruti Mapoma o boletse gore bane ba lemoga matlhoki mo sekolong seo, mme ba nopola go abela baithuti paka ya sekolo le mephuthelwana ya dijo e e lopileng madi a a kanang ka dikete tse di lesome le bosupa go reka dithoto tseo.
Mogokgo wa sekolo lo sa Hill School mme Mary Mohamadi, o boletse gore sekolo seo ke sa bogologolo senale dingwaga di masome a matlhano le bongwe a tlatsa ka gore maduo a sone ga a nametse.
Mo go tse dingwe mme Mohamadi o boletse gore go nale batsadi ba ba sa tlhokomeleng thuto ya bana ba bone lefa ba bidiwa ga ba tle go utlwa se base bilediwang a tlatsa ka gore ga ba thuse barutabana thuto ya bana ba bone.
Morutabana wa bogakolodi le tshidilo maikutlo mme Boitumelo Madome a re tiro e e sa le e simolotse mo ngwageng o o fitileng, morago ga go itemogela, bothata jwa maduo a asa tokafaleng mme ba kopa kereke ya Spirit Embassy go tla go rapelela baithuti mo sekolong pele ga ba kwala ditlhatlhobo tsa bone , mme le fa go ntse jalo maduo atla a oketsegile ka lesome mo lekgolong.
Modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi le barutabana rre Kabelo Japi o kgothaditse kereke eo go tswelela e thusa sekolo se mme Modimo a e okeletse, a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba bone gore batle sekolong ba tlhapile ba tlhatswediwe banne phepa ba je pele ga baya sekolong gore ba kgone go reetsa ga ba rutwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : moletlo wa kabo dimpho
Date : 22 Jan 2018






