Seemo sa borukutlhi gase itumedise
18 Jan 2018
Mopalamente wa Kanye borwa Rre Abram Kesupile are ga a itumedisiwe ke seemo sa borukutlhi, dititeo, dipetelelo le dipolaano tse di diragalang mo motseng wa Kanye.
Mopalamente Kesupile o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro ko Mmatshitswane go lekola banni ba kgaolwana eo le go ba lekodisa ka tsa palamente e e fitileng le go tsaya megopolo mo go bone go e isa ko palamenteng e e tlang.
Mopalamente o kgadile ditiragalo tseo fela thata, a gatelela ka gore ke selo se se botlhoko thata go bolaya motho.
A re mme le fa gontse jalo ba sepodisi ba supa fa seemo sa mohuta oo se kokobela gone mo Kanye mme ba ise ba kgotsofale mo go lekaneng.
Mo go tse dingwe Rre Kesupile o boleletse banni ba kgaolwana ya Mmatshitswane fa seemo sa metsi le sone e santse e le kgwetlho e tona mo Kanye, a re le mo nakong eno metsi a santse a solofetswe gotswa ko bokone, mme mealo yone e tsweletse e a dirwa, a re go agiwa lekadiba la Thamaga le la Moshupa mme go tloga go agiwa la Kanye, a tlhalosa gore ba nne ka tsholofelo ya gore metsi a tla atla,lefa gone a sena karabo gore leng.
Rre Kesupile o lekodisitse banni gore khamphane e e tsenyang diphaephe tsa kgopho ya metsi a a leswe e na le kgwetlho e tona ya go dira tiro ka gore badiri ba kopana le matlotla fela a go sa itsiweng ko beng ba one ba teng, mme seo se ba ketefaletse go ka tsaya lefatshe beng ba lone ba seo, a re ka one mabaka ao, tiro eo e tsile gonna bonya mme e tseye nako e telele.
Mabapi le lenaneo la LG1109 la madi a P10 million, mopalamnte o boleletse banni gore kgaolwana ya Mmatshitshwane e filwe lefelo la go foroma ditena le go feleletsa kago ya leobo la kgotla ya Goo-logaba le Goo- kgano ka madi a lenanaeo leo, mme a kopa banni go dira tiro eo ka botswapelo, a re mme gone khansele e tlaa etela mafelo ao go a seka seka.
Mopalamente Kesupile o boleletse banni bao ka molao kakanyetso wa matimela, a tlhalosa fa Tona yoo maleba a kopile go neela di khansele boikarabelo jwa matimela, le tsamaiso yotlhe ya teng jaaka go hira babereki ba lephata la matimela le tse dingwe, a gatelela ka gore seo gape se tlaabo se neela dikhansele go phutha matimela kgapetsa-kgapetsa le gore fa gotwe go padile tiro eo e dirwe bogolo gararo mo ngwageng.
O gateletse gore dingwe tsa dithata tse khansele e tlaabong e di neelwa tebang le matimela ke go bolaa kgomo fa e lwala mme go supega e sekake ya fola le fa e ka thusiwa ka melemo, kgotsa e lwala bolwetsi jo bo tshelanwang.
A re fa khansele e sena go phutha matimela a tlaa batlisiwa beng ba one lebaka la kgwedi tse tharo mme a rekisiwe fa beng ba one ba sa itshupe, a re gape fa beng ba one ba itshupile a tllaa nna ko lesakeng la matimela lebaka la dibeke tse pedi fela mme morago a rekisiwe fa ba sa a golole. Erile banni ba akgela ba ngongorega ka ditsela tse di sa tsamaegeng tse di mo gare ga motse mo kgaolwaneng eo, ba tlhalosa fa di koafatsa dikoloi tsa bone mme ba kopa gore di gopiwe kgapetsa –kgapetsa.
Ba ntshitse matshwenyego a gore dikopo tsa kgaolwana ya bone tse di isiwang ko khanseleng ga di ke di atlega selo se bareng se ba baa ka fa mosing, mme ba kopa mopalamente go tsenya seemo seo leitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Kgotla meeting
Date : 18 Jan 2018






