Breaking News

Legal Aid e thusa ba itsholelo tlase

17 Jan 2018

 Ba lekalana la puso la Legal Aid Botswana ba tshwenngwa ke gore Batswana ba tsweletse ka go jewa ntsoma ba amogiwa madi le dithoto ka go dumela go saenela mekwalo ya ditumalano pele ba ka e utlwisisa sentle.
Go lwantsha seemo se, banni ba motse wa Mmutlane ba boleletswe gore lekalana la puso la Legal Aid Botswana le tlhomilwe ka maikaelelo a go thusa Batswana ba itsholelo e e kwa tlase go itsheka. Ntleng le go fa dikgakololo mo go tsa semolao, lekalana le, le tlaa thusa gape ka go thapa babueledi go thusa ba ba sa kgoneng ka mabaka a itsholelo e e kwa tlase kwa makgotleng a ditsheko.
Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko wa lekalana le, Mme Prudence Ramotsepu o supile gore go dirwa tshekatsheko e e tseneletseng pele motho a thusiwa. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e rulagantswe ke mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele ka Mosupologo kwa motseng wa Mmutlane. A re puso e lemogile gore nako e gorogile ya gore Batswana ba ba sa kgoneng go hira babueledi ba thusiwe go sireletsa ditshwanelo tsa bone.
Mme Ramotsepu o tsweletse a supa gore lekalana la Legal Aid Botswana gore ga le amane le dikgang tsa borukutlhi mme le ka nna le seabe sa go ntsha bagokolodi fa mongwe wa ba ba amegang a le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boroba bobedi.
O supile gape gore ba Legal Aid ga ba tsene dikgang tse di tsweletseng kwa makgotleng a ditsheko a Setswana. A tlatsa ka gore se ba ka se dirang fela ke go fa bogakolodi.
O tlhalositse gore dingwe tsa dikgang tse ba itebaganyang le tsone ke tsa malwapa di akaretsa tlhalo, tlhokomelo ya bana, dikgokgontsho tsa mo malwapeng le dikgang tsa boswa.
Ba itebaganya gape le dikgotlhang tse di amanang le dikgang tsa lefatshe le go tlhoka go diragatsa tumalano.
Mme Ramotsepu o tsweletse a gakolola banni ba motse wa Mmutlane ka botlhokwa jwa go kgaoganya bana dithoto ba santse ba tshedile go fokotsa dikgang tsa go kubetsana go lwelwa dithoto tsa moswi. A re sengwe sa dilo tse di tshwenyang ke go bona batsadi ba gogagogana ba sa dumalane ka tlhokomelo ya bana.
Ba Legal Aid ba tsweletse ba tlhalosa gore lekalana la bone le thusa motho go itsheka fa a kolotiwa madi a a fetang P12 500 a tlatsa ka gore dikoloto tse di ka fa tlase ga seelo se ke boikarabelo jwa la ba Small Claims Court.
 O tsweletse a tlhalosa gore Batswana bangwe ba tsweletse ka go jewa ntsoma ka go ikanela ditumalano tse ba sa di tlhaloganyeng. Mme Ramotsepu a re Batswana bangwe ba amogilwe dithoto jaaka leruo ba sena go tsena mo ditumalanong le batho bangwe mme ba sa di tlhaloganye ka jalo o ba kopile go kopa thuso kwa go ba Legal Aid pele ba ka saenela tumalano epe fela. “Re le thusa go tlhaloganya mekwalo pele le ka saena.”
Lekalana leo le tlaa thusa gape go rarabolola dikgang pele di tsena ka makgotla a ditsheko.
A re go botlhokwa go rarabolola dikgotlhang ka go buisana pele di tsena ka kgotla tshekelo. Mme Ramotsepu o supile gape gore lekgotla la bone ga le thuse dikgang tsa mongwe a ikuela a re o thubelwa lelwapa.
Mme Ramotsepu a re pele motho a ka thusiwa go sekasekwa itsholelo ya gagwe pele go lebeletswe letseno la kgwedi le kgwedi, kgwebo kana dithoto tse motho a nang le tsone jaaka leruo.  Ba supile gape gore ba letseno le le kwa tlase ga P2 000 ba thusa ntle le tuelo epe fa ba letseno le le fa godingwana ba tlaa lopiwa sengwenyana pele ba thusiwa. Le fa go ntse jalo, Mme Ramotsepu o kgothaditse Batswana gore ba seka ba boifa sepe ka gore lemme le ba le lopiwang le ko tlase fela thata ka jalo ba inaakanye le lekalana la bone gore ba kgone go thusiwa.
Ba lekalana la Legal Aid ba na le diofisi mo mafelong a Gaborone, Francistown, Kasane, Tsabong le Maun. Mme Ramotsepu a re ba solofetse go bula nngwe ya diofisi tsa lekalana le kwa Palapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MMUTLANE

Event : Phuthego

Date : 17 Jan 2018