Breaking News

Tona Makgato o ganetsa magatwe

16 Jan 2018

Tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato o kgadile dipuo tse di buegang tsa gore o agile dikokelo tse pedi kwa motseng wa Sefhare a dirisa maemo a gagwe.

Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami bosheng Mme Makgato o ne a kgala a sa kgwe mathe magatwe ao a bolela fa a sena boammaaaruri.

Mme Makgato o tlhalositse fa motse wa Sefhare fela jaaka metse e mengwe o na le tshwanelo ya go nna le kokelwana fela jaaka metse e mengwe gore e nne yone e banni ba Sefhare ba e dirisang.

A re mo nakong eno motse wa Sefhare le wa Borotsi ke metse e e senang dikokelwana mo kgaolong ya gagwe ka jalo ba tshwanetse le bone ba nne le dikokelwana fela jaaka metse e mengwe.

Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami o boletse fa kokelo ya Sefhare e thusa metse yotlhe ya kgaolo ya gagwe le metse e mengwe e e kwa ntle ga kgaolo ya gagwe ka jalo banni ba Sefhare ba tshwanetse ba nne le kokelwana e e leng ya bone gore ba fiwe ditirelo fela jaaka banni ba metse e mengwe.

O tsweletse a re banni ba Sefhare fa ba batla dithuso tsa bookelo ba tlhamalela kwa kokelong e e mo motseng wa bone boemong jwa gore ba e kwa kokelong ba tshwere mokwalo wa mooki o o supang fa ba rometswe go tswa kwa kokelwaneng a bolela fa seo se sa tlhamalala.

A re kokelo ya Sefhare e na le mosuke o o bakiwang ke gore motse oo ga o na kokelwana  mme seo se bake gore balwetse ba eme sebaka se se leele ba sa bone thuso ya bongaka fa bangwe ba felela ba nna le boitlhobogo.   

Mme Makgato a re o bone go tshwanela gore go ntshafadiwe dikago tse dikgologolo tsa sepatela sa Sefhare gore e nne kokelwana ya motse oo.

A re dikago tseo di ne di le mo lenaneong la go thujwa mme a kopa bomaitseanape go sekaseka gore a di ka seke di ntshafa diwe mme ba fitlhela di ka dirisiwa mme go na le fale le fale fa go ka thujwang.

A re fa kokelwana eo e sena go bulwa kokelo ya Sefhare e tlaa thusa fela balwetse ba ba rometsweng gore ba bone ngaka ba tswa kwa dikokelwaneng mme go sena molwetse yo o tlhamalelang kwa kokelong eo go kopa thuso.

A re kokelwana ya motse wa Sefhare e tlaa bulwa mo ngwageng ono. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Sefhare

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2018