Breaking News

Ba Selebi Phikwe ba kgothadiwa go iteka go tsosolosa toropo

16 Jan 2018

Banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba rotloeditswe go tla ka dikakanyo tse di ka dirang pharologanyo mo matshelong a bone.

Rre Nonofo Molefhi yo eleng tona wa dikago le tlhabololo matlo ebile e le mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba o ne a bua se, fa a ne a buisa banni ba kgaolo ya Itekeng le Mabothaphofu kwa kgotleng ya Ikageleng  mo Selebi Phikwe bosheng.

Rre Molefhi o buile seo fa a ne a tsibogela selelo sa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo eo  Mme Oolekae Matjologwe fa a ne a supa fa ba sale ba solofeditswe fa go tlaa nna le madirelo mangwe a tshwana le a difofane,a a rokang le a mangwe mme nako kgolo ke eno ba ntse ba letile.

Mme Matjologwe o kopile Rre Molefhi go ya go thulanya ditlhogo le balekane ba gagwe go seka seka gore toropo ya Selebi Phikwe e okeletswe dipalo tsa babereki ba lenaneo la namolo leuba ka ba tshwaragana le bothata ka nako ya khiro ka dipalo tsa batho di okeditswe ke badiri ba pele ba moepo wa BCL.

Mme Matjologwe o ne gape a supa fa toropo ya Selebi Phikwe e tsweletse ka go nna lefifi ka dipone tsa mo mekgwatheng di sa bereke ka bontsi mme seo se dira gore borukutlhi bo tswelele ka go gola mme a kopa mopalamente go tshikhinya khansele go tsibogela seemo seo.

E ntse e le mo phuthegong ya kgotla Rre Molefhi o ne a sedimosetsa setshaba fa kompone ya motlakase e dirile diphetogo mo thekisong ya motlakase morago ga go lemoga gore dikompone tse di ikemetseng  le puso di tsaya sebaka se se leele go duela ditirelo tsa kompone eo.

Rre Molefhi a re tiego ya go duela ditirelo tsa kompone ya motlakase di dia ditlamelo gore di kgone go atolosetswa kwa setshabeng se se di tlhokang. Rre Molefhi o ne a solofetsa setshaba fa a tlaa ya go buisana le ba ba maleba go sekaseka mogopolo wa gore ba kgone go duela kompone ya motlakase ka seo se bogisa morafe.

Mo go tse dingwe Rre Molefhi o ne a kopa setshaba go tswa ka megopolo e e ka ba thusang gore e re ba santse ba letetse dikompone tse go solofetsweng go tla go simolola kgwebo mo Selebi Phikwe ba bo ba na le se ba kgonang go jesa malwapa a bone ka sone.

Rre Molefhi o tlhalositse fa dikompone tse di solofetsweng go tla go gweba mo Selebi Phikwe di ka seka tsa kgona go thapa babereki ka dipalo tse di lekanang le tsa ba ba neng ba thapilwe ke moepo wa BCL ka nako e khutshwane mme go tlaa tsaya nako gore go nne jalo.

Kwa bofelong Rre Molefhi o ne a tswelela ka go kopa banni ba Selebi Phikwe go bona maano a ba ka dirang gore phane e boele mo kgaolong ya bone ka go supafetse e le bogadi bo gaufi ka batho ba kgona go itshetsa ka thekiso yone.

Rre Molefhi a re go tlhomamisa gore seo se ntsha maduo ba tshwanetse go tlhama mokgatho o o ka laolang gore e bapalwa ka nako e e tshwanetseng gore e kgone go dira peo.

Rre Molefhi a re  seo se ka dira gore matshelo a batho le itsholelo ya Selebi Phikwe e tokafale. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego

Date : 16 Jan 2018