Breaking News

Ba Maape ba lela ka mokwaledi wa kgotla

16 Jan 2018

Kgosi Matshwenyego Rantsiapana wa Maape o supile matshwenyego ka ditsheko tsa kgotla ya gagwe tse di tsayang sebaka go sekisiwa ntateng ya gore ga a na mokwaledi.

O supile matshwenyego a kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke tona wa botsogo le boitekanelo Mme Dorcas Makgato jaaka fa a ne a lekola metse ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami.

Kgosi Rantsiapana a re ba simolotse ngwaga wa botlhano monongwaga ba sena mokwaledi mme kgotla ya gagwe e sale e godisitswe.

A re seemo se se a ba kokonela ka ba tshela ka go kopa mokwaledi kwa metseng e mengwe a bolela fa mo nakong e ntsi fa ba kopa mokwaledi gosele, a tshwarwa ke ditiro tsa kgotla e a direlang mo go yone.

A re borukutlhi mo motseng wa gagwe bo a oketsega ka badiramelato fa ba emetse tsheko ba tswelela ba dira melato e mengwe ka ba a bo ba ntse sebaka se se leele ba sa seke. Ka jalo o ne a ikuela mo pusong go mo thusa ka mokwaledi le mmereki wa kgotla yo o phuthang dikoloto.

Mo go tse dingwe, Kgosi Rantsiapana o ne a kopa koketso ya mapodisi mo kgotleng ya gagwe ka mo nakong eno a na le mapodisi a le mabedi fela mme tiro e ba imela.

A re mo dinakong tse dingwe lepodisi le lengwe le a bo le ile go itapolosa mme le le setseng le bo le sa kgone tiro sentle ka o a bo a le nosi go sena yo o mo thusang.

O ne a kopa lepodisi le le lengwe la nakwana go thusa mapodisi a motse wa gagwe.

Kgosi Rantsiapana o ne a leboga puso gobo e ne ya reetsa selelo sa bone sa go tlhabolola motlakase wa motse wa bone o o neng o tshabelelwa ke go kgaoga kgapetsakgapetsa go o dira wa 3 phase.

O ne gape a leboga tona Makgato go bo a tlaa aga diofisi tsa kgotla kwa motseng wa bone. A re puso e ne e tlhaelelwa ka jalo Mme Makgato a bona go tshwanela go thusa.

Mo nakong eno kago ya diofisi tsa kgotla tsa motse oo e setse e simolotse go agiwa e le ka thuso ya ga Mme Makgato. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Maape

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2018