Kgosi o batla sekolo sa diatla
16 Jan 2018
Kgosi Machael Masheto wa motse wa Moreomaoto mo kgaolong ya Boteti Bophirima o ikuetse mo mopalamenteng wa bone gore ba sale ba solofeditswe sekole sa tiro ya diatla mme nako kgolo ke eno.
Kgosi Masheto o buile jalo ko phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Slumber Tsogwane ko motseng oo bosheng.
Kgosi a re ba nyoretswe sekole se ka jaana ba itemogela seemo sa banana ba ba tletseng mo mekgwatheng go sena se ba se dirang.
A re o na le tsholofelo ya gore sekole se se ka thusa seemo sa banana sa letlhoko la ditiro le le bakang gore jaanong ba inaakanye le borukutlhi le tiriso ya ditagi.
Kgosi Masheto a re ba kopile gore e re selelo sa bone sa go agelwa borogo se ise se arabiwe ba direlwe motshelakgabo o ba ka o dirisang go kgabaganya noka.
A re kgang ya letlhoko la borogo e busetsa ditlhabololo tsa motse wa bone ko morago ka jaana bajanala ba ka bo ba kgona go bona bojanala ja bone bo ba tsisetsa letseno la madi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Mme Selepeng Jackson o ne a rolela mopalamente matshwenyego a bone a tlhalosa gore dituelo tsa lenaneo la LIMID di a diega ,a re terata e emisitswe mme ga ba a rerisiwa.
Mme Jackson a re batho ba ba kopileng lenaneo la ditlhapi ba sale ba solofediwa gore ba tlaa isiwa dithutong.
O ne gape a re letlhoko le lengwe la bone ke tlhaelo ya boroko ja badirelapuso le koloi ya ofisi ya kgotla. O tlhalositse gape gore banana ba nna ba dira dikopo tsa lenaneo la banana mme ga ba ke ba atlega ka ba nna ba bolelelwa gore ga gona madi.
Mopalamente Tsogwane yo gape eleng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae o ne a ba itsise gore ditlhabololo ga di tle ka nako e le nngwe.
Rre Tsogwane o ba boleletse gore borogo ga bo ise bo tsene mo lenaneong la ditlhabololo.
O ba gakolotse gore kgang ya terata e seka ya ba dia go akanya ka dilo tse di ka tlhabololang matshelo a bone a tlatsa ka gore ko tshimologong ke bone ba batlileng terata e e kgaoganyang diphologolo le mahudiso fela ke gore nako eo noka e ne e sa tshele.
O ne gape a re ba tlhwaafalele bojanala ka gore bo ka tsisa ditiro jwa tlhabolola le motse wa bone.
E rile a leboga modulasetilo wa khansele-potlana ya Boteti, Rre Molemi Galeragwe a rotloetsa banni go tsaya dikgakololo tsa mopalamente wa bone ka tlhwaafalo ka jaana di ka tlhabolola motse le matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Moreomaoto
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2018






