Breaking News

Seemo sa ditsela se a tlhobaetsa

16 Jan 2018

Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga Kumakwane Rre Tshenolo Mabeo a re  seemo sa ditsela mo kgaolong ya gagwe ga se jese diwelang.

Mopalamente o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla ka Labobedi ko Kotolaname e le nngwe ya diphuthego tse a di buisang go lekola kgaolo.

A re fa e sale dipula tsa ngogola tse di neleng ka bokete, ditsela tseo ga di ise di gopiwe mme di le mo seemong se se tlhobaetsang.

A re le fa go ntse jalo, ga a kitla a ipona tsapa lepe le go leka go bona gore seemo se boela mannong ka a re o tlaa ikgolaganya le ba lephata la ditsela go tsibogela seemo seo.

E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Olebogeng Mabiletsa a lebogela gore ntlo ya molemisi e a fela ka go ne go sena fa a bayang tlhogo teng.  

O bile a lebogela gore motse wa Kotolaname o goketswe mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsanyo jaanong le bone ba kgona go tlhaeletsanya le ba masika le ditsala motlhofo ka megala ya letheka.

Le fa gontse jalo o kaile fa ditiro tse di ntsheditsweng madi tsa dikgaolo tsa botlhophi di saletse ko morago ebile go se epe e e simolotseng a tlatsa ka gore ba aperwe ke lenyora le ntswa metsi a le teng mo motseng ka lebaka la gore dipompo di sa le di senyega mme go pala fela gore di baakanngwe.

Banni ba motse le bone ba nnile le sebaka  sa go akgela.  Rre Onalenna Chabadiile a re o tshwenngwa ke gore ngwaga le ngwaga gatwe ba rekele bana dibuka mme ba tswa mo malatsing a boitapoloso a gantsi go dirisiwang madi ka bokete.

Rre  Manthe ene o kopile puso go sekegela balemi ba ba lemang ka temo ya komelelo segolo bogolo balemi ba ba fatlhogang ka ba dikile ba wetswe ke seru sa leuba ngwaga o o fetileng ka lebaka la gore ga ba a tswa ka sepe mo masimong ka ntlha ya pula e e neng e fetile selekanyo.  

A re seemo se, se ya go gakala gape monongwaga ka go lebega dipula tsa monongwaga di le boutsana.

Kopa puso gore e ba gadime ka gore ba tsere dithuso tsa madi mo dibankeng mme ka ba sa kgona go rekisa ba setse ba gotlhagotlhana le dibanka.

Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, mopalamente Mabeo o ne a supa fa puso e tsibogetse matshwenyego a dikole.

A re go laetswe ba lephata la tsa madi gore go ntshiwe madi seemo se boele mannong. Mabeo o bile gape a tsibosa fa go na le thulaganyo ya go fokoletsa balemi merokotso mo mading a ba a adimileng fa go setse go rurifaditswe gore ngwaga ke wa leuba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Kotolaname

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jan 2018