Dikereke di kopiwa go tlotla tsamaiso ya go direla setshaba
15 Jan 2018
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semowa, Organisation of African Instituted Churches (OAIC) mo Botswana moruti Tebogo Motlhagodi, o kopa dikereke tsa semowa go itshekatsheka le go tlotla tsamaiso ya tsone ka maikaelelo a go rotloetsa tomagano le kgolo ya diphuthego.
E rile a buwa mo phuthegong ya kgaolo ya Mokwena e tshwaretswe kwa kerekeng ya Bethsaid mo Molepolole Hikgokgong a le 13, moruti Motlhagodi a lekodisa bokopano joo ka dikgang di le mmalwa tsa go tsamaisa dilo ka tshokamo ke dingwe diphuthego tsa dikereke tsa semowa mo go bakang dikgogakgogano le go latlhegelwa ke maloko.
Moruti a re o tshwenngwa ke go gola ga seemo seo go dirwa ke bobelotshetlha jwa boeteledipele go ikgatholosa maikaelelo a se kereke e thaetsweng sone.
A re go lemotshegile gore mo mabakeng a le mantsi baruti ga ba goge le maloko a dikomiti tsa khuduthamaga, ba dira jalo ka go ikgagapelela, ntlha e a reng e tshwanela go nyadiwa ka jaana e le barongwa ba diphuthego e seng gore ke tsa bone. Rre Moatlhodi a re go le gantsi dikereke di iphitlhela di faraferwe ke madubadube a go tlhoka tirisanyo mo go felelang go thuba le go dira makgamu a a bakwang ke go sa utlwana. Nngwe ya dintlha tse moruti a di gateletseng ke tsa go rotloetsa gore a tsamaiso ya dikereke e nne e e lolameng go dira dilo ka go ikaega le go tlotla molao motheo.
“Ke kopa gore a diphuthego tsa dikereke di tlotlwe baruti ba emise go ikgagapelela ka go nna balaodi ba sengwe le sengwe go ikgatholosa se tsamaiso eleng sone”, ga gakolola Rre Motlhagodi.
O bile a tswelela a rotloetsa fa dithoto tsa kekere e le boikarabelo jwa komiti ya khuduthamaga e seng baruti jaaka go lebega go diragala mo nakong eno.
A re diphuthego tsa dikereke di na le tsholofelo mo mosepeleng o di o tsamayang, go ikimolola merwalo ka go tshela botshelo jo bo kgethegileng ka tshololofelo ya go bolokwa, mme jaanong ba tlamega go boela malwapeng ba kgojwa marapo ke diemo tse di sa iketlang kwa dikerekeng. O tsweletse a gakolola ka botlhokwa jwa go dira dipego tsa ngwaga le ngwaga le di tsa madi le tsamaiso (annual returns) go hema go tseelwa diteseletso ba bo ba felela ka go supa puso ka monwana.
Mangwe a matshwenyego a ga moruti Motlhagodi ke kgolo ya bongaka jwa setso mo diphuthegong tsa dikereke tsa semowa.
“A re direng dilo ka fa mokgweng re seka ra fatlha setshaba ka ditsamiso tse di sokameng kgatlhanong le tsamiso e e teng”, moruti Motlhagodi a gakolola.
O bile gape a gakolola dikereke go akaretsa banana mo ditsamisong tsa tsone, le go tsaya boikarabelo go tlhomamisa gore maemo a boikarabelo a abiwa ka nonofo le bokgoni eseng dingwaga jaaka go lebega e le tlwaelo mo dingweng tsa dikereke tsa semowa.
O tsweletse a rotloetsa thata gore a seabe sa dikereke se bonale mo go thuseng puso go aga tshaba ka go dira ka neelano go supa boikanyego le maikarabelo.
Moruti Segopotso Tshemedi yo e leng moitseanape wa merero ya tsamaiso ya malwapa kgotsa manyalo, le ene o supile tlhobaelo ka ditsamiso tse di timetsang ka bangwe ba ba tshwereng marapo a bokaedi go leswafatsa thulaganyo e e teng ya dikereke tsa semowa.
A re matshwenyego a a golang a ditsamaiso tse di sokameng mo mererong ya dikreke tseo, a tlhobaetsa ebile a batla go tsibogelwa go busetsa seriti le maikaelelo a dikereke tse di tlhametsweng sone a re ka jaana go kgoreletsa kagiso le thitibalo ga mmogo le go fa dikereke serodumo se se di lebaneng.
Mongwe wa baruti Rev. Chris Modikwa ene o gakolotse baruti go itse botlhokwa jwa go tlotla le go tsaya boikarabelo mo lekgotleng la baruti la Ministers Fratenal.
A re baruti ba tlamega ka maemo a bone go tlhomamisa go tshela ga lekgotla leo ka go le direla le go le tsosolosa go fitlhelela maikaelelo a lone le mo tsamaisong le merero ya lone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya dikereke
Date : 15 Jan 2018






