Breaking News

Tona a rotloetsa banni go bapala dikitso

15 Jan 2018

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Slumber Tsogwane o rotloeditse banni ba metse yaMakalamabedi,Motopi, Moreomato le Khumaga go bapala dikitso tse di ka tlhabololang matshelo a bone.
 Tona Tsogwane yo gape eleng mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bophirima o ba rotloeditse jalo fa a buisa diputhego tsa kgotla ko metseng eo bosheng.
A re o itemogetse gore setshaba ga se a itlwaetsa go bala molaetsa wa ga Tautona o a o rolang ko palamenteng lentswa o rolelwa bone.
Tona a re molaetsa o o wa bo o bua ka tsamaiso ya lefatshe ka jalo  go botlhokwa gore ba ne ba o bala gore ba tle ba itse se se diragalang mo lefatsheng la bone.
A re ba ka ithuta go le gontsi mo go one ka o tlhalosa ka mananeo le ditlhabololo.Rre Tsogwane a re dingwe tsa dikgang tse Tautona a di buileng ko palamenteng e e fetileng ke ya go laela a bo a tlhalosa gore mothusi wa gagwe ke ene a tlaa mo tlhatlhamang.
O bile a re Tautona o tlaa bo a laela ko kgaolong ya gagwe ya Boteti Bophirima kgwedi ya Tlhakole e le lesome le borataro ko motseng wa Rakops, ka jalo a kopa banni go ipaakanyetsa loeto lwa gagwe.
Mo go tse dingwe tsa molaetsa wa ga Tautona ke kgang ya go tsosolosa dikoporase a tlhalosa gore dikoporase di botlhokwa ka jaana ba ka ikopanya ba dira  dikgwebo tse di ka tlhabololang  metse ya bone ga mmogo le go tlhama ditiro.
Tsogwane o ne a gakolola banni gore madi a dikgaolo a P10m ba akanye dilo tse di botlhokwa jaaka thuto a re ba ka aga dikole tsa bananyana, jaaka matlwanana a borutelo a bananyana ko dikoleng tse dipotlana a tlatsa ka gore dipone tsa mo mekgwatheng le tsone di botlhokwa ga mmogo le maobo a dikgotla.
O ne a ba tlhalosetsa gore ditlhabololo ga di tle ka nako e le nngwe a tlhalosa gore fa tsela e le mo lenaneong ga go reye gore e tlaa dirwa mo ngwageng  wa ntlha. A re fa go na le dikgwetlho tsa dibetso tsa tlholego jaaka dipula  di dikile di sentse ditsela go baakanngwa tsone pele.Banni ba ne ba ngongoregile mo go ene gore ga ba itse gore lenaneo la madi a P10m le diilwe ke eng ga mmogo le matlo a lephata la botsogo a lenanaeo la ESP le go dirwa ga tsela ya Motopi/Makalamabedi
Banni gape ba ne ba lela ka go tlhoka go tsibogela dipego ke ba lephata la diphologolo fa di ba jetse leruo ka di ba senyeditse mo masimong.
Ba supile gore tiego e ba baya ka fa mosing ka gore ba baya bosupi mme bo felele bo senyegile.Mogolwane wa lephata la diphologolo ko Rakops, Rre   Moshe Gobeilwemang a re dipego di dintsi di a ba  fekeetsa ka ntlha ya tlhaelo ya  bodiredi le dikoloi. Rre Gobeilwemang o tlhalositse gore  ba santse ba na le melala ya dikgang tsa 2015/16.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Kgotla meeting

Date : 15 Jan 2018