Kgosi Thuku o bolokilwe
15 Jan 2018
E ne yare ka Matlhatso matshwititshwiti a batho a kokoanela kwa motseng wa Mabutsane go tla go buledisa Kgosi Alfred Thuku, yo o tlhokafetseng kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo morago ga go lwala ka lobaka.
Dibui ka go farologana di ne tsa supa fa Kgosi Thuku ene ele motho yo o bonolo ebile a le tlotlo mo bagolong le mo baneng.Mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi ebile ele Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa moswi a diretse lefatshe leno ka botswapelo ka nako e a neng a le leloko la Ntlo ya Dikgosi.
A re gape o ne a bereka ka bonolo, tlotlo le bopelotelele fa ene ele mothusa kgosi wa motse wa Mabutsane.
Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa kgaolo ya Mabutsane o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa fa Kgosi Thuku a ne a le tlotlo mo bathong ebile ana le mowa wa setsadi.
A re mo dingwageng tse di lesome le borataro tse ba berekileng mmogo, ba ne ba bereka mmogo ka go tlotlana go sena yo o nyatsang yo mongwe.
A re Kgosi Thuku o ne a rata tiro ya gagwe mo ebileng le ka nako ya a lwala a ne a pateletsa fela go ya tirong.
Mongwe wa bagwebi Rre Ophaketse Motokwane a re ere ntswa Kgosi Thuku ene ele mongwe wa bagwebi ba ntlha mo motseng wa Mabutsane, o ne a le pelotelele ebile a eletsa go thusa bagwebi ba ba tswang kwa tlase gore dikgwebo tsa bone di gole.
A re o ne a dirisanya sentle le bagwebi ba bangwe ka jalo dikgwebo tsa nna tsa atologa le motse mo dingwageng.
O tlhalositse fa gape Kgosi Thuku a ne a obamela melao ya kgwebo ka dinako tsotlhe ebile a tlotla kgwebo ka methale e e farologanyeng e akaretsa go apara sentle.
Mopalamente ya kgaolo ya Jwaneng/Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile ene o kaya Kgosi Thuku ene ele moeteledipele wa popota ebile a abetswe dikitso ka go farologana.
A re o ne a tsisa diphetogo mo matshelong a batho ba kgaolo ya Mabutsane le Batswana ka kakeretso ka a ne a le mabogo-dika.
A re dikitso tsa moswi mo go tsa temo-thuo di ne tsa tsisa diphetogo ka fa balemi-barui ba neng ba tsamaiso dilo ka teng. Rre Ntlhaile a re bonatla jwa ga Kgosi Thuku bo ne jwa gwetlha gore a fiwe tlotla ke Tautona.
Kgosi Thuku o tlogela mosadi le bana ba le bane BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Phitlho ya ga Kgosi Thuku
Date : 15 Jan 2018






