Breaking News

Molaodi o rotloetsa tshwaragano

15 Jan 2018

 Molaodi wa khansele ya Bokone Bophirima Rre Keolopile Leipego o rotloeditse Batawana go tla ka makatlanamane go tla go tsamaisa Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen. Dr  Seretse Khama Ian Khamawa sentle.
Rre Leipego o buile jalo kwa bokopanong jwa go baakanyetsa loeto lwa ga Tautona Khama jo bo neng bo tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Batawana ka Labone.
O ne a tlhalosa fa go le maleba gore morafe o tsamaise Tautona Khama ka mowa o le mongwe fela a supa fa setshaba sa Botswana se segofaditswe ka boeteledipele jo bo busang ka kagiso le botlhale.
O tlhalositse fa lefatshe leno le gatetse pele mo ditlhabololong a supa fa seo se supa tshepho e setshaba se nang nayo mo boeteledipeleng jwa sone.
O ne gape a kopa morafe go nna le mowa wa lorato le go tshwaragana ka nako ya dipaakanyo tsa loeto loo le go baakanya dimpho tse ba yang go di neela Tautona.
Rre Leipego ne a kgothatsa ba ba tlaa abong ba tlhophilwe go dira dikomiti tsa dipaakanyo tseo go itoma dijabana le go tsenya mashetla mo tirong eo gore e atlege. O ne gape a kopa dikomiti tseo go ikopanya le ba dikgwebo ka go farologana go ba thusa mo go tse ba tlaa di tlhokang.
Kgosi Cosmos Lelatlhego wa kgotlana ya Moeti fa a tswa la gagwe, o ne a tlhalosa fa tiro e nna motlhofo fa e tshwaraganelwa ka jalo a kopa morafe go bopagana ba nna seopo se le sengwe gore dipaakanyo tseo di atlege.
O ne gape a kgothatsa ba bodiragatsi go iponatsa le go ithaopa go tla go natefisa ka letsatsi leo.
Fa morafe o ba kgwa dikgaba, morafe o ne wa lebogela bokopano joo lefa go ntse jalo wa ngongoregela go bo bokopano bo biditswe mo malatsing a makhutshwane selo se ba neng ba re se ya go ba tsenya kgatelelong e tona go dira letsatsi leo la maemo a ntlha.
Tautona Khama o solofetswe go laela banni ba Maun botlhaba le bophirima kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le botlhano mo tshokologong ka nako ya bobedi kwa kgotleng kgolo ya Batawana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : MAUN

Event : Ipaakanyetso loeto la ga tautona

Date : 15 Jan 2018