Komiti ya ditlhabololo e botlhokwa
15 Jan 2018
Mopalamente wa Ngami Rre Thato Kwerepe a re komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ke komiti e e mo molaong wa lefatshe leno.
Rre Kwerepe yo ebileng e le mothusa tona wa merero ya ga Tautona le bodirelapuso a re ga go a tshwanela gore ditiro tsa komiti ya ditlhabololo di eme ka ntlha ya letlhoko la dikoloi.
Seo se tla morago ga gore banni ba metse ya Bothatogo le Bodibeng mo kgaolong ya Ngami ba supe fa go na le tiego ya ditiro tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo ka ntlha ya gore ga gona dikoloi tse di ba thusang go tsaya dilwana ko ba di rekang teng.
Rre Kwerepe o ne a re ga go a tshwanela gore go nne jalo.
O buile jalo kwa metseng ya Bothatogo le Bodibeng kwa a neng a buisa diphuthego tsa kgotla teng ka Labobedi.
O tlhaloseditse batho ba metse eo gore kana Motswana a re moseka phofu ya ga bo ga a swe lentswe, ka jalo a re ga gona ope yo o nang le tshwanelo ya go emisa ditiro tsa komiti eo kwa ntle ga palamente fela.
Rre Kwerepe o tsweletse a re fa ba ne ba bona gore kopo ya bone ya sepagamo ga e a atlega kwa khanseleng ba kabo ba bonye mongwe yo mogolwane go mo rolela kgang eo.
O bile a kopa gore banni ba metse eo ba tshwaragane gore ba tsweledise ditiro le ditlhabololo tsa metse eo a tlhalosa fa go le phoso gore motho a le mongwe o ka tsaya tshwetso ya go emisa ditiro tsa go nna jalo.
Mopalamente o ne a araba tekodiso e e neng e tla ka modulasetilo wa komiti eo Rre Masedi Orapeleng yo o neng a boletse fa ba tlogetse ditiro dingwe ka mabaka a go tlhoka koloi e e ka ba rwalelang didirisiwa tsa dikago tse di neng di ka tlhabolola motse.
Mo dikgannyeng tse dingwe mopalamente o ne a ba tlhalosetsa ka melao e e fetisitsweng ko palamenteng e e sa tswang go fela jaaka o o amang tsamaiso ya sesole sa Botswana, wa theko le thekiso le wa matimela.
O ba kopile go ikgapha mo go rekeng dilo tse go le gantsi ba mabenkele ba di rekisang ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase a re go le gantsi dilo tseo di a bo di feletswe ke boleng a tlatsa ka gore di kgona go ba bakela malwetse, a tlhalosa fa molao o letla gore moreki o ka ngongorega ka tsone.
Mopalamente Kwerepe o tlhalositse fa molao wa matimela ba o buseditse kwa ntlong ya dikgosi ka jaana a re ke bone ba ba ka o buang botoka, a re go dira jalo ke go lemoga botlhokwa jwa ntlo ya dikgosi.
O kopile Batswana go itlwaetsa go tla kwa diphuthegong tsa kgotla ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore go dira jalo ke gore ba abelane megopolo gore ba goge ba le mmogo.
Banni kwa Bothatogo ba ne ba ngongorega ka tsela ya Toteng/Bothatogo ba re ga e mo seemong se se kgotsofatsang, le madi a ba saleng ba a neetswe a kgaolo ba re a pala go goroga.
Ba tsweletse ba re bontsi jwa dikago tsa bone jaaka sekole le kokelwana ke makgasa fela, ba re e re lentswa ba na le boroko kwa sekoleng fela badiri ba kgotla bone ga ba na le fa e le sepe.
Mothusa molaodi wa Maun Rre Ramogapi Gaborekwe o ne a tlhalosa fa ene a tshwenngwa ke seemo se se sa jeseng diwelang sa batho ba ba thubang mathumbo a metsi le go nosa leruo la bone.
Ka jalo o kopile batho ba metse eo go ba thusa go tsenya leitlho ka go ba begela batho ba ba dirang jalo mme a re se se botlhoko ka go tshwarwa ga batho bao ke go bo ba tsewa menwana ke mapodisi mme a re seo se ka ba senyetsa bokamoso.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : BOTHATOGO/ BODIBENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jan 2018






