Breaking News

Ba batla dikotlhao di okediwa

15 Jan 2018

Banni ba metse ya Seolwane, Mosweu, Maunatlala le Mokokwana ko kgaolong ya Tswapong ba kopa gore kotlhao ya bogodu jwa leruo e okediwe.
Fa ba buwa mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Prince Maele, banni ba re bogodu jwa leruo bo tsweletse ka go oketsega mo kgaolong ya bone.
Ba re bogodu jo gantsi bo dirwa ke bana ba bannye, ba bontsi jwa bone ba iseng ba bereke mme ba setse ba na le masaka le dikgomo. Ba kopile Rre Maele gore go baakanngwe molao gore kotlhao ya bogodu jwa leruo e nne thupa le kgolegelo ya dingwaga tse some go ya ko godimo.
Ba re katlholo ya dingwaga tse tlhano e ko tlase fela thata ke sone se bogodu bo sa kgoneng go laolesega.
Banni ba metse eo ba kopile gore dikgang tsa leruo di ntshiwe ko ga mmakaseterata mme di sekisiwe ke dikgosi mo makgotleng a Setswana.
Ba re dikgang tsa bogodu ja leruo di padisiwa ke gore babelaelwa ba dirisa madi go kopa thuso ko babueleding mme ba tswe fela ba sa bonwa molato.
Ba re bogodu ja leruo bo diga itsholelo ya mo malapeng ka gore bo humanegisa batho mme se se felele se kokonela puso.
Ba kopile gore puso e name e emetse ko morago ka go golola magodu gore ba emele tsheko ko ntle, ba re babelaelwa ba felela ba tswelela ka bogodu ntswa ba emetse tsheko ko ntle.
Fa godimo ga se ba re ditsheko tsa bogodu jwa leruo di tsaya lebaka le le leele go sekwa ko makgotleng a ga mmakaseterata ka jalo bosupi bo felela bo senyega.
Fa a tswa la gagwe mopalamente Rre Maele o ile a tlhalosa fa puso e le mo maikaelelong a go fetola molao wa bogodu ja leruo.
A re palamente e tlaa sekaseka molao o mo palamenteng e tlang ya paakanyo melao.
A re dilelo tsa bone o a di utlwa mme di tlaa mo thusa go ala kgang ya gagwe ko palamenteng.
Le fa go ntse jalo o boleletse banni ba metse ya Tswapong gore ke bone ba itirelang kgang bokete ka go bipa mpa ka mabele ntswa ba itse magodu a leruo.
A re batsadi ba bangwe ba amogela dilwana tsa bogodu ebile ga ba batle go tshwarisa bana ba bone ntswa ba itse gore ke bone ba ba senyang.
A re barui le bone ba intshitse baatlhodi ka gore ba kgona go amogela pipamolomo mo magodung a leruo mme ba ye go tsholola kgang ya bone ko makgotleng a ditsheko.
A re morago fa magodu a sena go ba herekanela ke gone ba boelang ko kgotleng ba ya go ikuela gape.
Rre Maele a re dikgosi tse dingwe di kgona go soka dirope fa ba atlhola babelaelwa ka jalo go botlhokwa gore babelaelwa ba itsheke ko ba gololesegileng go seka teng.
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SEOLWANE/MOSWEU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 15 Jan 2018