Dikhwaere serodumo sa mmino wa Bakgatla
25 Oct 2017
E re ka Setswana se re 'maruping go a boelwa...' Baikopanyi Choirs Association (BCA) ba bone go tshwanela go tsosolosa serodumo sa mmino wa bakgatla wa dikhwaere kana dikopelo ka go dira moletlo wa Kgatleng Cultural Tourism Festival go simologa Labotlhano go tsena Tshipi.
Moletlo o o tlaa bo o akaretsa dikgaisanyo magareng ga dikhwaere tsa kgaolo ya Kgatleng e le tsela nngwe ya go supa bokgoni jwa tsone le go batla go ngoka bajanala go tla go ithuta ka ngwao ya Sekgatla.
Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole a re moletlo oo o tshwanetse wa rolelwa hutshe ka o tsosolotsa ngwao e e setseng e supile fa e nyelela mo Botswana.
Rre Mangole o kopile Bakgatla go tla ka bontsi kwa moletlong oo go rotloetsa maiteko le go ema nokeng ba mokgatlho wa Baikopanyi ka se se ka tsoga se ba fa bokamoso jo bo eletsegeng.
O boletse fa e le keletso ya motsadi mongwe le mongwe gore bana ba gagwe ba itse ka ditso le ngwao ya bone mme go le botlhokwa go rotloetsa BCA ka e diragatsa dikeletso tsa lefatshe tsa go tshegetsa ngwao.
Rre Mangole o gakolotse ba mokgatlho wa Baikopanyi go nna pelotelele mo go direng tsotlhe gore moletlo wa bone o atlege ka ba tsile go kopana le dikgwetlho le batho ba ba sa dumalaneng le bone, a tlatsa ka go re ene o dumalana le se ba se dirang e le mokgatlho.
Modulasetilo wa Baikopanyi Choirs Association, Rre Bathusi Gouwe a re moletlo oo e tlaa bo e le tshimolodiso ya moletlo le mokgatlho wa bone o o ntseng o aparetswe ke dikgang mme ba tswa go rarabolola diphapang tsa bone e le mokgatlho.
O boletse fa moletlo oo o tlaa bo o sa itebaganya fela le dikopelo mme a tlhalosa fa go tlaa bo go na le disupiwa ka go farologana gareng ga tsone e le makalana a a ikemetseng ka nosi, maphata a puso le dikompone ka go farologana.
Rre Gouwe a re ba bone go tshwanela go dira moletlo oo ka ba lemogile fa lobebe lwa dikhwaere lo felelwa ke boleng mme ba leka ka bojotlhe go tsisa seriti le go sireletsa dikhwaere kgotsa dikopelo gore di seka tsa nyelela.
O tlhalositse fa moletlo oo o tlaa tswela Botswana mosola mo go tsa bojanala le kabakanyo itsholelo ka ba tlaa bo ba na le ba dikgwebo tse dipotlana ba rekisa kwa moletlong e le tsela ya go ipapatsa le ba lephata la bojanala go rotloetsa se ba se dirang.
Rre Gouwe o kopile Batswana ka kakaretso go tla go ba ema nokeng le go tla go kgatlhisa matlho kwa moletlong ka bokgeleke jwa dikhwaere tsa Sekgatla jo bo tlaa bong bo supiwa ke bana ba Batswana.
Leloko la Baikopanyi, Mme Mmadiasha Mogomotsi a re o itemogetse fa dikhwaere tsa malatsi ano di sena seriti le tlotlo ka di opela ka khwaere e nngwe mo go felelang go tsisa tlhoko kutlwisisano magareng ga ditlhopha.
Mme Mogomotsi a re dikhwaere bogologolo di ne di tlhamelwa go thusa mo masimong le tse dingwe mme phadisanyo tsa tsone di sa tshwane le tsa segompieno ka gore bogologolo ba ne ba ituela ka phala ya setlhopha se se sa fenyang.
A re o lemogile fa nnotagi e le yone e dirang gore kopelo ya dikhwaere tsa segompieno e felelwe ke boleng ka gore e dira gore batho ba supe maitseo a a makgwakgwa mme ba felele ba tsosa dintwa.
Mme Mogomotsi o rotloeditse bana ba Bakgatla go supa boitshwaro jo bo lolameng le go tlotla batsadi ka kakaretso gore ba tle ba atlege mo go tse ba di dirang.
O kopile le ditlhopha go tlotlana le go tshegetsana ka di isa serodumo le seriti sa Sekgatla kwa godimo.
O lebogile ba mokgatlho wa baikopanyi go bo ba dirile moletlo oo ka o tlaa tsosolotsa ngwao le mmino o a o ratang thata le seriti sa one gore ba bangwe le bone ba tle ba nne le kgatlhego mo go one.
Dingwe tsa ditlhopha tse di tlaa bong di natefisa kwa moletlong oo ke Matlapa a Leloto, Bakgatlhegi, True Fighters, Mopipi wa Majanko, Italy, Bana ba motho, Kgwarape, Tloutsoga, Badiragatsi le Jumpa ma Fence. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Kgatleng Cultural Tourism Festival
Date : 25 Oct 2017






