Breaking News

Ba ditlhabololo tsa motse ba kopa thotloetso mo maphateng

28 Mar 2017

Komiti ya ditlhabololo mo motseng wa Mmathubudukwane e kopa thotloetso mo maphateng ka go farologana le a a ikemetseng.
Komiti eo e na le lefelo la itloso bodutu le ba nang le keletso ya go le tlhabolola mme ba ne ba kopa kemo nokeng ya maphata a puso go ba fa maele le dithuso gore se ba itlamileng go se dira se atlege.
Seo se tlhalositswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmathubudukwane Rre Kenneth Pule mo thuto-puisanong kwa motseng wa Mmathubudukwane ka Labotlhano. A re ba bone go le botlhokwa go dira thuto-puisano eo gore  ba tle ba amogane maele le maano a mangwe a go tlhabolola se ba setseng ba na le sone mo lenaneong la bone.
O tlhalositse fa ba ne ba lema ditlhare kgwedi eno e rogwa le ba lephata la dikgwa le dibapalwanageng go leka go tsosolosa lefelo leo go le busetsa mo seemong se se siametseng matshelo a batho, a tlhalosa fa lefelo leo le ne le sa siamela matshelo a batho mme le tlhokana le go baakanngwa.
Rre Pule o tlhalositse fa ba ne ba ikopanya le ba kompone ya Forest Conservation Botswana (FCB),e e kopanetsweng ke goromente wa Botswana le wa America go kopa  madi mme ba atlega ka ba ile ba ba rotloetsa ka madi a a kanang ka P389 772 go simolola le go fetsa tiro ya bone.
A re ba eletsa  go dira lefelo la itloso bodutu mme e bile gape e le la bojanala go leka go direla motse madi a o ka itshetsang ka one a tlatsa ka gore ba tlaa bo ba duedisa batho go dirisetsa lefelo leo go itsaya dinepe tsa manyalo,go tshwarela meletlo teng le go robala le tse dingwe fela jalo.
O tlhalositse fa ba na le polokelo ya madi e e tlaa bong e itebagantse le  lenaneo leo e bile ba rutuntshitswe ka tsa dibuka tsa madi gore ba tle ba kgone ba bone gore ba dirisitse madi afe go dira eng,a tlatsa ka gore ba ithutile gore ba kgone go kgaoganya madi ka fa tshwanelong.
Fa a tswa la gagwe Rre Emmanuel Zuku wa kompone ya FCB o tlhalositse fa ba amogetse kopo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, morago ga ba sena go ba amanya le ba lephata la dikgwa le dipabalwanageng gore ba ba thuse ka se ba batlang go se dira.
O tlhalositse fa ba ba  rutuntshitse  gore ba ithute ka tsa madi le tiriso ya madi, a tlatsa ka gore thutuntsho ke tsela nngwe ya go bona gore madi a bone a dirisiwa jang mme e bile ba a dirisetsa eng.
Rre Zuku o tlhalositse fa lephata la gagwe le tlaa bo le tlhokometse lenaneo leo  ngwaga otlhe go netefatsa gore sengwe le sengwe se tsamaya ka fa ba ne ba dumalaneng ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : thuto-puisano

Date : 28 Mar 2017