Breaking News

Ba lela ka tsela ya Francistown-Nata

26 Mar 2017

Makhanselara a khansele potlana ya Tutume ba re ga ba jesiwe di welang ke tsela ya Francistown-Nata e e tlwaelesegile ka leina la A3, bogolo jang fa motseng wa Mathangwane.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya khansele bosheng, ba bolela fa seemo sa tsela eo e le se se ngomolang pelo ebile ba tshogela matshelo a badirise ba tsela eo.
Makhanselara ba re se se utlwisang botlhoko go feta ke gore tsela eo e dirisiwa thata ke bajanala ba ba etelang mafelo a bojanala kwa Bophirima.
Ba tsweletse ba supa fa tsela eo e ba ama thata ka bajanala ba tsamaya ba tshotse dikapa ditshwantsho, ka jalo ba tshoga fa ba ka nna ba anamisa seemo seo kwa mafatsheng a bone mme se ame metswedi ya bojanala.
Gape ba re go sa akarediwe ga tsela eo mo mananeong a ditlhabololo a a teng a puso go baya kgaolo ya bone ka fa mosing mme mongwe wa makhanselara ao, Mme Susan Mphapadzi yo itlhophetsweng, o ne a tswa ka mogopolo wa gore puso e gope ditsela tsa nakwana mo letlhakoreng la tsela eo.
A re go dirwe seo fa seemo se leng maswe teng gore bakgweetsi ba kgone go tsamaya ka tsone fa go santse go emetswe tharabololo.
Mokhanselara Lopang Masikara, yo le ene a itlhophetsweng o ne a otlelela mo mafokong a ga Mme Mphapadzi a re ke nako ya go re ba le makhanselara ba tle ka megopolo le ditharabololo le go lebela dilo pele go na le go lela kana go kgala fela.
Rre Masikara o ne a lebogela lenaneo la Ipelegeng a re motlhala wa lone o a bonala, mme a re fela se se santseng se saletse morago se se batlang go tsenngwa leitlho ke badiri le baokamedi ba lenaneo leo.
O boletse fa boitseme le go goga dinao go santse go bonala mo babereking bao ka phakela bangwe o fitlhela ba kgobile kgetse fa tlase ga ditlhare fa bangwe ba rwalela dikgong.
Mogolwane kwa lephateng la tiragatso molao la khansele, Rre Bernard Bolotsang o ne a lekodisa khansele eo, fa ba abetswe madi go aga lefelo la masaka a tla dirisiwang go tlhatlhela leruo le le sailang mo marekisetsong le senyetsa batho.
Rre Bolotsang a re ba setse ba bone lefelo le ba tla agang mo go lone ebile tiro e tloga e simolola mo malatsi a a sa fediseng pelo.
A re maikaelelo ke go phutha leruo lengwe le lengwe le le senang tlhokomelo  le gobeya mo motseng le senyetsa batho mme leruo leo le akaretsa katse, ntsa, podi, koko, tonki le kgomo, mme tse tsotlhe masaka a tsone a tla a bo a le teng gape go na le ba ba tlhokometseng lefelo leo.
Modulasetilo wa khansele eo ya Tutume, Mokhanselara Ishmael Mokgethi o ne a lebogela makhanselara ao tirisanyo mmogo le go emana nokeng ka nako ya dibetso tsa tlholego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : phuthego ya khansele

Date : 26 Mar 2017