Banana ba Sabata ba itlama go boloka matshelo
23 Mar 2017
Moruti Pelonomi Radihephi wa Sabata kwa Selebi Phikwe a re ba bone go le botlhokwa go aba madi a mmele go boloka matshelo.
Moruti Radihephi a re ga se la ntlha Sabata e dira tiro ya go nna jaana.
O ne a bolela jalo kwa letsatsing le banana ba kereke eo ba neng ba abela ba lephata la botsogo madi kwa Re ka Kgona Rehabilitation Centre mo Selebi Phikwe ka Matlhatso.
Moruti Radihephi a re o gwetlha dikereke tse di iseng di simolole go aba madi a mmele go dira jalo ba ikaegile ka lefoko la Modimo le le reng ngwana wa Modimo o tshwanetse go kgathala ka matshelo a ba a tshelang nabo go fokotsa selelo sa letlhoko la madi a mmele kwa dipateleng.
Moruti Radihephi a re banana ba le masome a a ferang bobedi ba Sabata ba ne ba ithaopela go aba madi a mmele, a re se sengwe se ba se lebileng ke go kgothatsa banana go tlhokomela botsogo jwa bone ka mo nakong ya gompieno banana ba lebanwe ke dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le tlhakanelo dikobo e e sa sireletseng.
Mongwe wa badiri go tswa kwa Francistown kwa lekalaneng la kabo ya madi a mmele, Rre Dick Rakereng o tlhalositse fa Batswana ba santse ba goga dinao go aba madi a mmele.
Rre Rakereng a re bontsi jwa madi a mmele ba a tsaya kwa dikoleng le mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka nosi, a re ba setse ba na le maina a batho ba ba abang madi nako le nako jaaka Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta.
A re ba setse ba na le megala ya bone mo ba kgonang go ba itsese ka lenaneo la bone gore ba tlaabo ba ya kwa mafelong a bone leng.
Rre Rakereng a re go motlhofo go bona madi a mmele mo baneng ba dikole ka ba nna ba le teng e bile bontsi jwa bone ga ba na malwetse a a ka ba kgoreletsang a tshwana le madi a matona le a sukiri.
Rre Rakereng a re go aba madi a mmele go tlhoka gore motho a bo a na le bokete jwa mmele jwa masome a matlhano go ya kwa godimo, a bo a le ngwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse masome a mararo le botlhano.
Gape are moabi wa madi a mmele a bo a itekanetse mo mmeleng gape motho o tshwanetse a bo a jele pele ga a aba madi.
E rile a tswa la gagwe, Rre Mojuta a re nako e gorogile ya gore Batswana ba itshupe ka bontsi mo go abeng madi a mmele.
Ratoropo o ne a tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di diragala letsatsi le letsatsi, a re se se raya gore batho ba latlhegelwa ke madi a mantsi mme e le yone nako e batho ba tlhokang thuso ka yone.
Kwa bofelong ratoropo le ene o ne a nna le sebaka sa go aba madi a mmele, mme a tlhalosa fa e le lekgetho la bone a ntse a dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Letsatsi la Banana ba Kereke
Date : 23 Mar 2017






